Diteng
Pulo le Kamogelo a Motlatsa Modulasetulo wa Boto ya Bolaodi-jwa-matlole, Mme Vuyelwa Vumendlini-Schalk, o butse kopano ka ura ya
b Kopano e kaile gore Mme Vumendlini-Schalk o tla e tsamaisa go ya ka Molawana wa GEMS wa 28.1.8 gonne Modulasetulo, PorofesaraRichardLevin,onealekwakopanongyaboutuyatekanyetso-kaboyaTonayaTireloyaSetšhabaleTsamaiso ka maemo a gagwe jaaka Mokaedi-Kakaretso wa Lefapha la Tirelo ya Setšhaba le Tsamaiso.
c Modulasetulo wa kopano o netefaditse gore ditlhokwa tsa khoramo ya maloko a le 30 di tlhagisitswe mo Molawaneng wa GEMS wa 28.1.3 di fitlheletswe.
d Ka kopano e e akaretsang go tsweletsa ka tlhomamo le go tlosa merero ya tlaleletso mo lenanetemeng, Modulasetulo wa kopano o netefaditse gore kitsiso e e neng e bitsa kopano ya Ngwaga-le-Ngwaga ya Boraro ya maloko a Sekema mmogo le lenaneo-tshimololo, pegelo ya Boto ya Bolaodi jwa matlole, pegelo ya kanego ya boruni e e khutshwafaditsweng ya matlotlo ya Ngwaga-le-Ngwaga, e tlhaloseditswe maloko pele ga Motsheganong 2009 go ya ka Molawana wa Sekema.
e Modulasetulo wa kopano o amogetse maloko a a neng a le teng ga mmogo le batho ba ba latelang mo kopanong:
Bolaodi-jwa-matlole jwa Sekema jo bo dirang mo Botong ka nako ya tshekatsheko-sešwa;
f Kopano e sekasekile molaetsa wa bidio go tswa go Modulasetulo wa Boto ya Bolaodi-jwa-matlole, Porofesara Richard Levin ka ga tse di itlhomileng kwa pele mo Sekemeng ka ngwaga wa 2008.
g Modulasetulo wa kopano o neetse Motlhankedi-mogolo wa Sekema, Ngaka Eugene Watson, tšhono ya go begelela kopano ka ga tiro ya bogato jwa Sekema ka nako ya tshekatsheko-sešwa. Ngaka Watson o tsweletse go tlamela kopano ka diponagalo tsa botlhokwa tsa tiro ya Sekema kgatlhanong le maano a nako e e tlang a a dumeleletsweng ka 2008 le dikaedi tsa kgwebo e kgolo le le tlwaelo e e tlhageletseng ka nako ya tshekatsheko-sešwa .
Tumelano ka ga lenanetema la AGM
a Modulasetulo o thadile lenaneo gore le dumelanelwe le go boelelediwa maloko go ya ka Molawana wa 28.1.5 wa GEMS, leloko lengwe le lengwe le le eletsang go tlisa merero e e ka sekasekiwang le go swediwa kwa kopanong ya Ngwaga-le-Ngwagamolenanetemeng,akadirajalofafeladiphitlhelelotseditshitshintswengtseodikafitlhelelaMotlhankedi-mogolo malatsi a le 10 pele ga kopano ya Ngwaga-le-Ngwaga. Diphitlhelelo tse di tshitshintsweng tseo di tshwanetse go tsamaya le memorantamo-tlhaloso o o tlhalosang sentle gore ke goreng phitlhelelo e e tshitshintsweng e tshwanetse go tsewa tsia le go tlamela letlamorago le le tlisitseng phitlhelelo e. Ke tlhokego gape gore tatelano ya mafoko e e tshitshintsweng e romelwe.
b Modulasetulo wa kopano o netefaditse gore maloko ga a ise a romele diphitlhelelo tse di tshitshintsweng go ya ka tumalano ya Molao wa 28.1.5 mme a tlhamalela kwa kamogelong ya lenanetemeng le le neetsweng maloko kwa tafoleng ya ikwadiso. Kopano e ne ya ela tlhoko gore maloko mangwe a dirisitse diforomo tsa go ememla bangwe go romela dikatlanegiso go Sekema le gore merero mengwe e tla sekasekwa ka nako ya dipotso le dikarabo. Rre Adriaan Van Wyk o tshitshintse gore lenaneo le amogelwe mme tshtshinyo ya tshegediwa ke Rre John Themba.
Kamogelo ya Diphitlhelelo a Modulasetulo wa kopano o ne a tlhomamisa gore diphitlhelelo tse di tshitshintsweng di tlhagisiwa jaana: Modulasetulo wa kopano netefaditse gore diphitlhelelo tse tharo di beilwe pele fa pele ga kopano jaana:
Go amogela (receive) le go amogela (adopt) Metsotso ya Kopano ya bobedi ya Ngwaga-le-Ngwaga e e neng e tshwerwe ka 30 Seetebosigo 2008;
Go thala le go amogela kanego ya tsa matlole ya Ngwaga-le-Ngwaga ya ngwaga o o fedileng ka 31 Sedimonthole 2008; le iii Go thapiwa ga baruni ba ba ikemetseng ba Sekema mo ngwageng wa ditšhelete o o fedileng ka 31 Sedimonthole 2009.
b Kopano e etse tlhoko gore go ya ka Melao ya Sekema, diphitlhelelo tse di fetisitsweng kwa kopanong nngwe le nngwe ya ngwaga-le-ngwaga e tla nna go ya ka gore ke mang yo o tlhophilweng ka bontsi go feta mo malokong a a leng teng le a a emetseng ba bangwe.
c Modulasetulo o ne a sedimosetsa kopano gore Sekema se amogetse diforomo tsa go thapa baemdi tse di letleletsweng di le 207 ka letlha la bofelo la 19 Seetebosigo 2009. Palogotlhe ya 48 ya diforomo tsa boemedi e ne ya tshwanelwa ke go kgaolwa ka di ne di na le botokololo jo bo sa lolamamg kgotsa batho ba eseng maloko a Sekema jaaka baemedi.
d Kopano e etse tlhoko le go feta gore maloko a Sekema a a neng a thapilwe ke maloko a mangwe go tlhopha mo boemong jwa bona, botlhe ke Balaodi jwa Matlole le setlhopa sa Khuduthamaga ya Botsamaisi jwa Sekema. Batho ba ba thapilweng jalo, ba tlhagisitse kwa kopanong ya 23 Seetebosigo 2009 ya Boto ya Bolaodi-jwa-matlole ka fa ba eletsang go tlhopa go ya ka nngwe le nngwe ya diphitlhelelo tse di thadilweng kwa kopanong.
e Morago ga go thala le go buisanela nngwe le nngwe ya diphitlhelelo tse di latelang, Modulasetulo o ne a itsise maloko gore baemedi ba ba tlhophilweng ba tlhophilwe jang le gore diphitlelelo tse di thadilweng di amogelwe.
f Kamogelo ya Metsotso ya Kopano ya Ngwaga-le-Ngwaga ya Bobedi ya maloko e e neng e tshwerwe ka 30 Seetebosigo 2008
Modulasetulo itsisitse maloko gore Metsotso ya kopano ya Ngwaga-le-Ngwaga ya Bobedi ya maloko e eneng e tshwerwe ka 30 Seetebosigo 2008 kwa Boardwalk Conference Centre, Port Elizabeth e ne e akareditswe mo Pegelong ya Ngwaga-le-ngwaga ya 2008 e e phatlhalaleditsweng le go thalelwa maloko go e amogela.
Maloko a etse tlhoko gore:
a Boto ya Bolaodi-jwa-matlole e tsere tsia metsotso e e sa amogelwang ka 24 Moranang 2009 mme ya tlhagisa gore molebo wa tlhagisao e e tsepameng e ne e tlhagisa ka tsepamo tsamaiso ya Kopano ya Ngwaga-le-Ngwaga ya Bobedi ya maloko a Sekema e e neng e tshwerwe ka 30 Seetebodsigo 2008; le b Go ya ka diforomo tsa boemedi tse di amogetsweng, maloko a le 206 a tlhophile gore Metsotso ya Kopano ya Ngwaga-le-Ngwaga ya Bobedi ya maloko e e neng e tshwerewe ka 30 Seetebosigo 2008 e amogelwe jaaka tlhagiso e e tsepameng ya kopano, fa leloko le le 1 le eleditse go sa tlhophe.
iii Modulasetulo o thadile metsotso go amogelwa.
iv Metsotso ya Kopano ya bobedi ya Ngwaga-le-Ngwaga e ne ya amogelwa morago ga gore Rre Manganyi Abraham a tshitshinye gore kopano e amogele metsotso le gore leano le tshegediwe ke Rre Nxumalo Themba.
g Kamogelo ya Kanego ya tsa Matlole ya Ngwaga-le-Ngwaga ya ngwaga o o fedileng ka 31 Sedimonthole 2008
Modulasetulo wa kopano o thadile Kanego ya tsa Matlole ya Ngwaga-le-Ngwaga ya Sekema ya ngwaga o o fedileng ka 31 Sedimonthole 2008 gore e amogelwe mme a itsise kopano gore maloko a tlametswe ka Boruni jo bo khutshwafaditsweng jwa Kanego ya tsa Matlole pele ga kopano.
Moruni wa kwa ntle wa Sekema, Rre Johann Strauss wa feme ya Sizwe Ntsaluba VSP, o ne a itsisiwe go maloko a a neng a le teng mme a tswelelela go tlamela kopano ka tshedimosetso ka ga tlhomamiso ya gagwe ya kwa ntle e e ikemetseng e e tlametsweng mo Pegelong ya Ngwaga-le-Ngwaga ya Boto ya Bolaodi-jwa-matlole ya 2008. Moruni wa kwa ntle o tlhomamisitse gore Sekema se amogetse pegelo boruni e e se nang diphoso ka ngwaga wa ditšhelete o o fedileng ka 31 Sedimonthole 2008 le gore Sekema se tsamaisiwa sentle.
iii Modulasetulo wa kopano o gakolotse maloko a a neng a le teng gore go ya ka diforomo tsa boemedi tse di amogetsweng , maloko a le 205 a tlhophile go amogela 2008 Kanego ya tsa Matlole ya Ngwaga-le-Ngwaga ya 2008, fa go se na maloko a a tlhophileng kgatlhanong le le go amogelwa ga Kanego ya tsa Matlole. Maloko a le 2 a eleditse go sa tlhophe.
Bringing health within your reach iv Modulasetulo dumetse gore kopano e amogele Kanego ya tsa Matlole ya Sekema ya ngwaga o o fedileng ka 31Sedimonthole2008.PhitlheleloeneyaamogelwamoragogagoreRreElliotNyathikaziatshitshinyegoreKanego ya tsa Matlole ya Sekema ya ngwaga o o fedileng ka 31 Sedimonthole 2008 e amogelwe mme tshitshinyo e ne ya tshegediwa ke Mme Sibongile Nkosi.
h Go thapiwa ga SizweNtsaluba VSP jaaka Baruni ba kwa ntle ba Sekema
Kopano e etse tlhoko gore SizweNtsaluba VSP e thapilwe go tloga ka 1 Ferikgong 2006 ke Boto ya Bolaodi-jwa-matlole ya nakwana ya Sekema morago ga go latela tsamaiso e e ka fa molaong ya ka 2005. Feme e ne ya thapiwa gape ke maloko a Sekema go runa Kanego ya tsa Matlole ya Sekema mo nakong e e fedileng ka 31 Sedimonthole 2007, ga mmogo le Kanego ya tsa Matlole ya nako e e fedileng ka 31 Sedimonthole 2008 morago ga gore feme e tlhagise gore ba na le bokgoni le kitso ya go runa Kanego ya tsa Matlole ya Sekema go ya ka ditlhokego tsa peomolao.
Kopano e utlwile ka ga tsamaiso e e buletsweng ya dithennere e e latetsweng go tlhagisa feme ya boruni go thapiwa jaaka Baruni ba kwa ntle ba Sekema ba ngwaga wa ditšhelete o o fedileng ka 31 Sedimonthole 2009.
Ngaka Van Der Nest tlametse kopano ka molebo-kakaretso wa tsamaiso ya theko e e latelwang le go itsise maloko a a leng teng gore SizweNtsaluba VSP e tlhagisitswe go thapiwa ka mokgwa wa tsamaiso e e bulegileng e e bonalang (transparent).
Jaaka Sekema se se lekanyeditsweng mo nageng, ga mmogo le Sekema pholo sa bobedi se segolo ka kakaretso, Government Employees Medical Scheme (GEMS) e tsene mo 2009 jaaka kgwebo ya dingwaga di le tharo e e tlhabologileng tota.
Sekema se tsweletse go gola ka 2009, selekano fela sa kgweboledikgwetlhotseditlhageletseng,paloeebotlhokwa ya diphitlhelelo di ne tsa fitlhelelwa ka 2009. Boto ya Bolaodi-jwa-matlole ya GEMS e motlotlo ka tswelopele e e dirilweng ke Sekema le mokgwa o dikgwetlho di di tlhageletseng ka 2009 di rarabolotsweng ka teng le gore dikgatlhego tsa baamogeladitshwanelo ba GEMS ba sireleditsweng ka teng ka dinako tsotlhe.
Mo boemong jwa Boto ya Bolaodi-jwa-matlole, ke itumelela go tlhagisa molebo-kakaretso wa tiro e e dirilweng ke Boto ka 2009 le go itsise Pegelo ya Boto go maloko a GEMS a nako e e fedileng ka 31 Sedimonthole 2009.
Maitlhomo, ponelopele le dintlhatheo
Boto e sekasekile sešwa maitlhomo a Sekema, ponelopele le metlhala ya dintlhatheo mo maanong a nako e e tlang ya seripana se se tla tshwarwang ka 11 le 12 Sedimonthole 2008. Boto e netefaditse gore metlhala e e kaetsang e itsisitswe le go boelediwa ka 2008 e setse go nna go nna maleba le go ka dirisiwa ka 2009, e bolokela go tsenngwa ka kelotlhoko jaaka ntlhatheo e e tshegeditsweng ke Sekema. Ka nako ya tshekatsheko-sešwa, Boto e lwele ka matlhagatlhaga go dira kaofatsa metlhala ya kaetso e e latelang:
Motlhala wa Maitlhomo
Go tlamela badiredi-puso botlhe ka tetla e e lekanang go dipoelo tsa tlhokomelo-itekanelo ya theko e e kgonegang mme e tsenya sengwe le sengwe.
Motlhala wa Ponelopele
Sekema sa pholo se se tswang kwa pele, se se tshwarelelang e bile se le manontlhotlho sa badiredi-puso botlhe.
Motlhala wa ntlhatheo
Go nna bonolo
Tlhaeletsano e e senogileng
Maitshetlego a Maloko
Kopo e e tlhomameng
Temeko
Botlhami
Tsibogo
Kgotsofalelo ya se se rekilweng
Kelotlhoko
Maano a nako e e tlang
Mokgwa wa Tsamaiso e e lolameng o o mafolofolo wa Sekema o tlhoka tswelopele ya maano a paka-khutshwane, paka-magareng le paka-telele tse di kaetsang le go sedimosa ka ga kgwebo ya Sekema. Ditswelopele tsa GEMS di mo seemong le
Bringing health within your reach bokgoni jwa maatla a tsamaiso le dipopego tsa bolaodi, ga mmogo le go maano a nako e e tlang e e a dirang - mmogo maphata a a bokgoni a netefaditse gore GEMS e senotse rekoto ya tshalomorago ya go tsenya tirisong ka katlego, maano a nako e e tlang a Ngwaga-le-Ngwaga le go diragatsa maikaelelo a a akareditsweng mo teng.
Boto e dirile maano a nako e e tlang ka 2009 e lemoga ntlha ya gore Sekema se tsweletse pele go nna setlamo se se gamogileng se se ka ga bogato jo bo lolameng, tikologo e e matlhagatlhaga mo mekgweng ya tsamaiso ya matlole. Leano le diragaditswe ka molebo wa go tlhagisa botswerere jwa GEMS, go rulagana sentle le Sekema sa Pholo sa badiredi-puso se se manontlhotlho.
Thitokgang ya Maano a nako e e tlang e letleletswe ke Boto ya 2009 e ne e le "Tetla go botswerere le tlamelo ya itekanelo e e botswerere ya tlhwatlhwa e e kgonegang le tsamaiso e e rulaganeng sentle" mme leano le ikaeletse go tlhokomela le go tlhabolola dintlha tsa bogato jwa kgwebo, fa e ntse e naya Sekema tšhono ya go simolola go batlisisa tlamelo kgotsa tuelo ya tlhwatlhwa e e amanang le ditirelo tsa tlhokomelo ya pholo tse di tlhokegang le go bonwa mo malokong. Leano le tsepame thata mo tirong e e tlhokegang mo go aleng boalo jo bo tiileng jo bo bayang GEMS mo maemong a a tla e tsholetsang go simolola go rulaganya moneelo wa yona le tlotla ya tshitshinyo ya ditsholofelo tsa Sekema mmogo le baamogeladitshwanelo ba bangwe le Baamegi ba ba tlhwatlhwa jaaka mothapi. Go fitlha ga jaana, maikaelelo a nako e e tlang a "Kitsiso ya taolo ya tlamelo ya boitekanelo e e tetogang e e tla tokafatsang porofaele ya kotsi ya sekalafi ya Sekema" e ne e akareditswe mo leanong. Maikaelelo a mangwe a nako e telele a akreditsweng e ne e le:
Go bapatsa ka manontlhotlho le go baya GEMS go nna Sekema sa Pholo se se Botswerere go maloko otlhe le ba ba ka kgonang go nna maloko, le go fokotsa thata palo ya badiredi-puso ba ba sa sirelediwang.
Go tlhokomela mokgwa-tiriso wa tsamaiso e e lolameng, e ikaegile ka go tsaya maikarabelo, boikobo, manontlhotlho le botsalano jwa moamegi
To tlhokomela le go tokafatsa ditirelo tsa Sekema le taolo ya bogato, ka thuso ya seemo se se manontlhontlho e bile e rulagane sentle mo dithusong tsa leloko
Go romela tse di setseng, go kgobokanya tse di buseditsweng morago tse di lekaneng le go sireletsa seemo se se lolameng sa bobalatlotlo
Go tlhokomela le go tlhabolola ditirelo tsa setlamo tsa Sekema
Go laola kotsi ka go nna malala-a-laotswe le manontlhotlho, ka molebo o o nang le tlhagiso ka ga tatlhegelo go Sekema
Pegelo ya Boto e amogetse pegelo ya tswelopele ya kotara le ya nakwana go tswa kwa Bolaoding jwa Sekema mo go diragatseng dikaetsi tsa tiro tse fitlhelwang mo maanong a 2009 a nako e e tlang le go kgotsofalela gore maikaelelo a nako e e tlang a fitlheletswe ka 31 Sedimonthole 2009.
Tsamaiso ka 2009
Boto e sekasekile sešwa tiro ya Dikomiti tse di tlhagisitsweng ke Boto ya 2009 ka molebo go dirisa ka botlalo bokgoni le boitsanape jwa Bolaodi-jwa-matlole le Komiti e e ikemetseng ya maloko. Tshekatsheko -sešwa ya Boto e tsere tsia bomaleba jwa ditaelo tsa tiro ya Dikomiti le bonnye jwa diphetogo tse di neng di tlhokega.
Bolaodi-jwa-matlole bo dirile mo Dikomiting ka 2009 jaaka go begilwe mo karolong 7 le 8 ya Pegelo ya Boto. Boto e netefaditse mo Tshekatshekong e e Manontlhotlho ya Ngwaga-le-Ngwaga gore Dikomiti di dira sentle le pegelo go Boto ke ya maemo a a kwa godimo.
Bolaodi-jwa-matlole jwa Maloko a a ikemetseng a Komiti a a dirang mo Boruning jwa Sekema a Ex Gratia le Dikomiti tsa Kgotlhang ba thapiwa ke Boto sebaka sa dingwaga di le tharo tsa kantoro mme nako e maloko a komiti a e dirileng e fedile ka nako ya tshekatsheko-sešwa. Boto e thapile gape maloko otlhe a Komiti go dira mo sebakeng sa dingwaga di le tharo tse di latelang tse di tla felang ka 2012.
Bolaodi-jwa-matlole le Maloko a a ikemetseng a Komiti ba ne ba tsenetse katiso e e tseneletseng ya tsamaiso e e lolameng gape, e e akaretsang ditlhokego tsa "tse di tla tsenngwang tirisong" Pegelo ya King III ka ga taolo e e lolameng, Bolaodi-jwa-matlole a dikema tsa pholo, peomolao e e maleba, ditlhabololo tsa kgwebo go akaretsa National Health Insurance System e e solofetsweng le tsamaiso e e nang le boitsholo-phepa. Diripana tsa katiso di le robongwe di dirilwe ka 2009 . Molao wa katiso ya Boemedi-jwa-matlole ka 2010 o tla tsenngwa tirisong go ya ka molao o o laolwang ke Boto o tla tsenngwa tirisong, ka 1 Ferikgong 2010.
Tshekatsheko ya manontlhotlho a Boto ya Sekema ya Ngwaga-le-ngwaga e dirilwe ka Lwetse le Diphalane 2009. Boto e dirile itshekatsheko e e tsamaisitsweng ke feme ya boruni e e ikemetseng mme tiro ya Boto le Dikomiti e fitlhetswe e siame.
Go ya ka melao e e kwadisitsweng ya GEMS, bokana ka 50% ya nako ya Bolaodi-jwa-matlole jo bo dirang mo botong ya ga jaana, e tla fela ka Phukwi 2010. Boto e ntšhwa e tla simolola tiro ka 21 Phukwi 2010.. Go fitlha ga jaana, maloko magolo a Sekema a tla tlhopha Balaodi jwa matlole ba le bararo, fa Tona ya Ditirelo tsa Setšhaba le Tsamaiso le ene a tla thapa Baloadi jwa matlole ba le bararo go tswalela 50% e e setseng ya Boto. Tlhopho ya Bolaodi-jwa-matlole e dirwa go tsamaelana le melao e e kwadilweng ya GEMS e e kaya tse di tatelang.
Tlhopo ya Maloko a a tlhopilweng ke Bolaodi-jwa-matlole e tshwanetse nna e dirwa ka baloto go ya ka thulaganyo e e beilweng mo melaong e.
Motho yo o ikemetseng kgotsa setlamo se se thapilweng ke Boto ba tshwanetse go ela tBolaodi-jwa-matlole mme e re morago ga tlhopo ba romele pegelo go Boto kwa mothong yo o ikemetseng kgotsa setlamo se se tla itsiseng Boto ka tse di latelang:
Gore a ba kgotsofaletse gore ditlhopo di ne di gololesegile mme di sa gobelele go ya ka tsamaiso e e letleletsweng ke Boto go ya ka melao e;
Maina a Maloko a a tlhopilweng jaaka Balaodi jwa Matlole le maina a batho ba ba tlhopilweng gape mo Botong, mme
Go tshwanetse go gatelelwa gore batho bao ba tlhopilweng jaaka Maloko a Bolaodi-jwa-matlole, ba tota ba na le seriti.
Fa Boto, morago ga go tsaya tsiya pegelo ya motho yo o ikemetseng kgotsa setlamo, ba kgotsofaletse gore ditlhopo tsa bona di tshwerwe go ya ka tsamaiso e e sweditsweng ke Boto le gore ditlhopo di ne di gololesegile mme di sa gobelele, Motlhankedi-mogolo o tshwanetse, ka lekwalo, a itsise maloko ka ga ditlhopo le letlha, nako le lefelo la kopano e e latelang ya Boto mme a ba laletse go tsenelala kopano."
Boto e rotloetsa maloko magolo a Sekema go tsaya karolo mo tsamaisong ya ditlhopo tsa 2010, ba sa lebale gore Boto ya Bolaodi-jwa-matlole e na le maikarabelo a a botlhokwa a go tlhokomela tsamaiso le merero ya matlole tsa Sekema, ba dira jalo go ya ka dikgatlhegelo tsa maloko. Ka jalo, go botlhokwa golwela go tlhopa Bolaodi-jwa-matlole jo bo nang le seriti e bile ba na le bokgoni jo bo maleba le maitemogelo a go ka diragatsa ditiro tsa Boemedi-jwa-matlole.
Dikgwetlho tsa nako e e tlang ka 2009
Diphitlhelelo tsa Sekema di sekasekwa ka botlalo mo Pegelong ya Bogato jwa Motlhankedi-mogolo. Dikgwetlho le tiro e ntšhwa e e neng e sa emelwa fa maano a nako e e tlang a 2009 a ne a dirwa, di tlhagelela mo gare ga 2009. Boto ya Bolaodi-jwa-matlole le Botsamaisi ba sekasekile dikgwetlho tse ka kelotlhoko le go netefatsa nako le nako gore Sekema se setse se tsepame ka go sala morago maitlhomo a sona le ponelopele ntle le go kgapela-thoko metlhala ya dintlhatheo tsa Sekema. Dingwe tsa dikgwetlho tse le tiro e ntšhwa di akaretsa phetisetso ya kgwebo ya MEDCOR go GEMS, go tsenya tirisong ga ditlhatloso tsa moputso wa letlha le le buseditsweng kwa morago wa badiredi-puso di tlisa ditlhoseletso mo dikatsong le dikolotong le tshekatsheko ya gape ya Botokololo jwa GEMS le kgonagalo ya melao ka Khansele ya Dikema tsa pholo.
Ditherisano magareng ga Sekema le baamegi ba ba tlhwatlhwa di fedile ka tshwetso ya Boto go dumelana go fetisetsa kgwebo ya MEDCOR go GERMS go ya ka Molao wa karolo 63 ya Dikema tsa Pholo wa1998.
Ditshwetso tsa Moamegi mo go tse di tlhoseletsang tiragatso di tlisitse tiego ka go farologana mo tshimologong ya tiro e e tlhokegang go fetsa tiragatso go ya ka dinako tse di kailweng ke Khansele ya Dikema tsa Pholo.
Tiragatso e dirilwe ka katlego le go ya ka ditlhokego tsa peomolao tse di akareditseng phasalatso tlhagiso ya tiragatso jaaka e letleletswe ke Khansele ya Dikema tsa Pholo le tetlelelo ya Kgaisano ya Khomišene
Kgwebo ya MEDCOR e fetiseditswe go GEMS go tloga ka 1 Ferikgong 2010 go ya ka Memorantamo wa go Tlhaloganya o o sweditsweng magareng ga dikema tse pedi.
Dikonteraka tsa tiro ya badiri ba le bararo ba MEDCOR di fetiseditswe go GEMS fa badiri ba le babedi ba maemo a a kwa godimo ba MEDCOR ba amogetse tlhwatlhwa e e kgobokaneng ya go tlogela tiro.
MEDCOR e ne ya kwadisiwa jaaka Sekema sa pholo ke Khansele ya Dikema tsa Pholo go tloga ka 21 Ferikgong 2010 mme go retololwa ga tsamaiso ya MEDCOR ga swediwa ka 30 Moranang 2010.
Go ya ka pholisi ya ketleetso ya pholo ka tšhelete e e maleba mo tirelong ya bosetšhaba, e akaretsa le Lefapha la Ditirelo tsa Kgopololo, maloko a MEDCOR a ne a kgona go ikamanya le GEMS ka go rata ga bona. Mo boemong jwa Boto ya Bolaodi-jwa-matlole, ke rata go amogela maloko a pele a MEDCOR a a ikwadisitsweng mo go GEMS.
Moputso o o saletseng kwa morago wa Tirelo ya Setšhaba
Thadiso ya katso ya Sekema e e kwadisitsweng e ikaegile ka letseno le dikatso tsa kgwedi le kgwedi tsa maloko go ya ka letseno la bona la kgwedi le kgwedi. Tlhatlhoso ya moputso mo tsamaong ya ngwaga e ka dira gore leloko le solofetswe dikatso tse di kwa godingwana ba ntse ba bona thuso e e sa fetogang gonne ba tshwanelwa ke letseno le le kwa godingwana.
Maloko a GEMS a itemogetse moputso o o fetotsweng (ka go bona legato la 16 le folosediwa go 12), tlhatlhoso ya moputso ya maemo a bophelo ya Ngwaga-le-Ngwaga ga mmogo le Occupation Specific Dispensations (OSD's) ka 2009. Diphetogo tse di tsentswe tirisong go latela moputso o o saletseng kwa morago, se se kayang gore maloko otlhe a ne a tshwanetse go duela seelo sa dikatso se se kwa godimo, le bona ba itemogetse sekoloto sa katso.
Le fa Sekema se lebile go baakanya seelo sa letseno mo seelong sa dikatso ba le malala a laotswe go tloga ka 1 Ferikgong 2009 go fokotsa tlhatlhoso ya moputso wa tirelo ya bosetšhaba ka 2009, meputso ya maloko a GEMS e fetogile go bonala go feta ka moo go neng go solofetswe ka teng go latela OSD le phetogo ya meputso. Boto e ne e etse tlhoko go sa kgotsofale ga leloko le moamegi e le ditlamorago tse di tlhageletseng mme ya tsaya tsia mokgwa o o leng teng mo Sekemeng wa go fokotsa bogale jwa ditlamorago tse di neng di sa lebelelwa, koleke e e ikaegileng ka letseno la maloko a GEMS le mokgwa-taolo wa sekoloto sa Sekema.
Tiro e tla dirwa ka 2010 go fetola seelo sa letseno ka tsela e e tla thibelang peresente e e bonalang ya maloko go amiwa ke diphetogo le go netefatsa phatlhalatso e e lekanang ya maemo a moputso le maloko mo seelong sengwe le sengwe sa letseno. Phetolo ya molao e e tla sireletsang go phutha tuelo e e kwa morago e e tlisitsweng ke moputso le yona e tla tokafadiwa.
Melao ya Maloko a a ka dumelelwang mo go GEMS
GEMS e kwadisitse jaaka Sekema sa pholo sa botokololo jo bo lekanyeditsweng le ba ba ka dumelelwang botokololo e laolwa ke melao e e kwadisitsweng ya Sekema. Ka fa tlase ga melao e, badiredi ba Mafapha a bosetšhaba le a diporofense le matlhakore a kabakanya go ya ka karolo 7 ya Molao wa Tirelo ya setšhaba wa 1994, jaaka o fetotswe, le badiredi ba makala a a tlhokometsweng ke Boto ya Bolaodi-jwa-matlole jaaka bathapi ba ba tsayang karolo, ba ka dumelelwa go nna le botokololo.
Khansele ya Dikema tsa Pholo e tlhokile gore Melao e fetolwe go tlosa tsamaiso ya kelotlhoko e e dirwang ke Boto ya Bolaodi-jwa-matlole fa e tsaya tsia makala a Tirelo ya Setšhaba a a leng kwa ntle ga Molao wa Tirelo ya Setšhaba. Phetolo ya molao e rometswe ke Sekema mme tshitshinyo ya Khansele e ne e tlhokometse boalo jo bo kgonagalang jwa GEMS.
Tlhoseletso mo tsamaisong le seemo sa matlotlo sa Sekema ka tshupetso e e totobetseng go iponela palonyana e e setseng e e tlhokiwang ke Melao e a fitlhelelwa. Mo kgatlhegelong ya go sireletsa dikgatlhegelo tsa baamogeladitshwanelo ba GEMS, SekemasetlakgaratlhelapelegokopanaleKhanseleyaDikematsaPholoka2010gonetefatsagoremelaoyagokadumelelwa go nna maloko a Sekema a tsamaelana taelo e Tirelo ya Setšhaba e e neetseng GEMS fa e simologa
Maitemogelo a leloko
Boto e na le maikarabelo a go netefatsa gore dikgatlhegelo tsa maloko a yona di sireleditswe go ya ka karolo 57 (a) ya Molao wa Dikema tsa Pholo, mme ba itumelela tetla e e tletseng, e e rulaganeng sentle ya dipoelo tsa bona tse di maleba, tse di ba tshwanelang jaaka maloko a GEMS.
Mo go tsamaeng ka maikarabelo a Boto le maitlhomo a Sekema go tlamela badiredi-puso botlhe tumelelo e e lekanang le dipoelo tse di kgotlaganeng le tirelo ya pholo e e feletseng, go tserwe dikgato di le mmalwa tsa go tokafatsa tumelelo le maitemogelo a tirelo ya maloko.
Ditlhabololo tse di latelang tse di šwa di ka elwa tlhoko:
Boto e neetse tetla ya go fetola maemo a Sekema sotlhe le sediriswa sa kgolagano sotlhe sa leloko go maleme a le 11 a semmuso. Porojeke e simolotswe ka 2009 mme e tsamaya dingwaga di le tharo go fitlha 2012.
Sekema se itsisitse tiriso onfolopo (envelope) e e nang le kgwebo-phetolo go ya ka tlhaeletsano ya maloko a a tlhokang ditsibogo go tswa go maloko.
Lenaneo la pelegi le ribolotswe go netefatsa gore bomme ba baimana ba amogela tlhokomelo ya maemo a a kwa godimo ka nako ya boimana le go thusa go fokotsa kotsi ya mathata a a kgonegang.
Poelo ya tirelo ya SMS ya look-up e letla maloko go netefatsa gore ke dipoelo tse di le teng go bona le batlhokomelwa a kwadisitsweng a setse a itsisitwe ka ga boitlhopelo jo ba nang le jona jwa dipoelo.
Ditikwatikwe tsotlhe tsa diketelo tsa namana tsa maloko di ntšhwafaditswe mme tse dingwe tsa sutisetswa kwa dikagong tse di ntšhwa le tse di tlhabolotsweng. Tikwatikwe ya bobedi e butswe mo porofenseng nngwe le nngwe go nolofaletsa maloko go nna le ditirelo tsa kopano ya namana.
Dikanego tsa dikatso tsa Kotara le dikanego di ne tsa tlhagisiwa go thusa maloko ka go netefatsa gore dikoleke sala go nna di lolame.
Nako e e okeditsweng ya tiro mo tirelong ya badirisi le ditikwatikwe ya ketelo ya namana di itsisitswe, go akaretsa ditirelo tsa Lamatlhatso.
Didiriswa tsa "online" tse di farologaneng di ne tsa nna teng go maloko fela jaaka sediriswa sa semmuso sa GEMS sa tlhagiso ya webe sa go dira kopo ya diphetogo tsa ngwaga o o felang.
Mafoko a ditebogo
Bolaodi-jwa-matlole
Boto ya Bolaodi-jwa-matlole e dirile gangwe le gape ka botswapelo ka nako ya tshekatsheko-sešwa. Palogotlhe ya dikopano di le 33 tsa Komiti ya Boto di ne tsa tshwarwa mme go se na dikopano tse di neng tsa busetswa morago ka nako tshekatsheko-sešwa ka ntlha ya go sa nneng teng ga khoramo. Dikopano tsa Boto le Komiti di tsamaisitswe ka tsela e e mosola e bile e rulagane sentle go kgontsha Boto go dira le merero e e akaretsang merero yotlhe ya thulaganyo ya didiriswa mo teng ga selekano sa bolaodi jwa yona. Maikemisetso a a tsepameng a Bolaodi-jwa-matlole go baamogeladitshwanelo ba Sekema ba sala go nna ponagalo ya Boto e mme ke rata go leboga Bolaodi-jwa-matlole ka karolo e ba e tsereng mo ngwageng o mongwe wa tswelopele ya Sekema.
Ke rata go tlhagisa tebogo ya me go Mme Vuyelwa Vumendlini-Schalk, Motlatsa Modulasetulo wa Boto, ka karolo e a e tsereng mo tsamaisong e e manontlhotlho ya Boto.
Ngaka DP Van Der Nest, yo e leng Modulasetulo o ikemetseng wa Komiti ya Boruni ya GEMS, o nnile le bokgoni jwa go bo a tsenetse dikopano tsa Boto e le leloko la tlaleletso bokgoni mme ke rata go mo lebogela karolo e a e tsereng mo go netefatseng gore tikologo ya taolo ya Sekema e setse go lekana mme e rulagane sentle.
Maloko a a ikemetseng a komiti
Maloko a a ikemetseng a Komiti a a thapilweng ke Boto go dira mo Komiting ya Boruni jwa Sekema, Komiti ya Ex Gratia le Komiti ya dingangisano di tsere karolo e kgolo mo go tlhagiseng tswelopele e e fitlheletsweng ke Sekema ka 2009 mme mo boemong jwa Boto, Ke eletsa go leboga maloko ka dikatso tse di tlhwatlhwa le maitemogelo a ba a tlhagiditseng a Boto le Tsamaiso ya Sekema.
Motlhankedi-Mogolo
Mo boemong jwa Boto, ke eletsa go tlhagisa ditebogo tse di totobetseng go Ngaka Eugene Watson, Motlhankedi-mogolo wa GEMS. Motlhankedi-mogolo gore o fitlheletse ditsholofelo tsa Boto le tshepo e e beilweng mo go ene mme a tswelela go kgatlha Boto ka boineelo jwa gagwe le lerato le le tseneletseng go GEMS. Motlhankedi-mogolo o tsentse tirisong mme a letlelela Maano a nako e e tlang a 2009 ka katlego le go netefatsa gore kgwebo ya Sekema e tsamaya ka thulaganyo le manontlhotlho.
Boto kgotsofaletse ditlamorago tse di fitlheletsweng ke Botsamaisi-Bogolo jwa Sekema le letlhakore la badiri ka fa tlase ga ketelopele ya Motlhankedi-mogolo.
Boto e tla rolela marapo go Boto e ntšhwa ya Bolaodi-jwa-matlole ka 21 Phukwi 2010 mme e tshepa gore boalo bo setse go aletswe Sekema gore se tswelele go dira ka natla.
Ka 2009 Sekema se lemogile tlhokego ya go atolosa kgaratlho ya botswerere le go feta fela ka taolo ya tsamaiso le netefaletso ya go tlisa merero ya kgwebo mo mmusong wa ditirelo tsa pholo e e ka ga kwelano e e leng mo tikilogong e go leng 90% ya ditšhelete tsotlhe tse di aroganyeditstsweng le ka fa molao wa Sekema o tlhalosang kgwebo ya Sekema sa Pholo. Boto ya Bolaodi-jwa-matlole Maano e amogetse maano a nako e e tlang a 2009 mme a tlhoka gore Sekema agelele mo ditswelopeleng tse di leng teng le go lwela diphitlhelelo mo go tsa tirelo ya pholo ka go tlisa diphetogo, go lokolola ka kelotlhoko, togamaano ya botswerere le bolaodi jwa kotsi ya pholo.
Thitokgang ya 2009, "Tetla go botswerere mo tlhokomelong ya pholo ka fa kgonegang ka teng e bile e rulagane sentle", go tlhokomela le go tlhabolola merero ya bogato jwa kgwebo, e ntse e naya Sekema tšhono ya go simolola patlisiso ya tlamelo kgotsa tuelo e e amanang le tirelo ya tlhokomelo ya pholo e e tlhokegang le go bonwa ke maloko. GEMS e simolotse tiro ka go tlhabolola tsela e e tlamelang maloko ka tetla e e tswang kwa pele mo ditirelong tsa tlhokomelo ya pholo. Tiro e e dirwang ka 2009 e tlamela ka boalo jo bo tiileng jwa tiro ka tsela e.
Maano a Ngwaga-le-Ngwaga a nako e e tlang a tlisa tshimologo ya maikarabelo a Boto ka go kaetsa ditiro tsa Motlhankedi-mogolo le bolaodi, go tlamela taolo e ka yona go ka bonwang gore ke tiro efe e e ka beiwang leitlho le go netefatsa gore kgwebo ya Sekema e tsamaisiwa ka botswerere le manontlhotlho. Go feta moo, maano a nako e e tlang a letla Boto go sekaseka sešwa makala otlhe a kgwebo ya Sekema le go netefatsa gore fa e tsamaisiwa ka manontlhotlho, kgwebo e sala go tswelela.
Jaaka Motlhankedi-mogolo, ke nna motlhankedi wa bobalatlotlo jwa Sekema mme ke maikarabelo a me go netefatsa gore maano a bogato jwa Sekema a lebisitswe go manontlhotlho e bile a dirwa ka thulagano ya maano a nako e e tlang jaaka a letleletswe ke Boto le gore, go ya pele, pegelo e e tlwaelegileng e šejulilwe go lebeletswe dikaetsi tsa tiro mo leanong le le nnileng teng.
Mo tsamaong ya ngwaga, ka nako ya tshekatsheko-sešwa, Boto e tlametse ka dipegelo tsa tswelopele tsa kotara le tsa gangwe le gape tsa tiro e e dirilweng mmogo le dikaetsi tsa tiro mo maanong a nako e e tlang. Pegelo ya bofelo e romeletswe Boto go Bolaodi-jwa-matlole ka 10 Sedimonthole 2009, e netefatsa gore 96% ya dikaedi tsa tiro di fitlheletswe ka manontlhotlho.
Maano a nako e e tlang e dirile jaaka tshobokanyo ya bokaedi go bolaodi mo ngwageng wa ditšhelete wa 2009. Ka jalo ke romela pegelo e go ya ka maano a nako e e tlang. Tshedimosetso ya tlaleletso mo dikaetsing tsa botlhokwa tsa kgwebo, melebo le dipalopalo di tlametswe mo Pegelong ya Boto ya Bolaodi-jwa-matlole e e mo matlhareng a 23 go fitlha 50 mo pegelong e.
Go bapatsa ka manontlhotlho le go dira GEMS go nna Sekema sa pholo se se Botswerere go maloko otlhe a sona le ba e ka nnang maloko le go fokotsa thata palo ya badiredi-puso ba ba sa sirelediwang
Botokololo ka 31 Sedimonthole 2009 bo ne bo eme mo go 409,804, jwa fetogela go kgolo e e kwa godimo ya maloko-magolo a le 100,000 ka 2009. Se se bontsha kgolo ya Ngwaga-le-Ngwaga ya 36% fa go lekanngwa le motheo wa maloko-Fa Bolaodi-jwa-matlole le maloko a Komiti ba tsenetse katiso mo tsamaong ya dingwaga tse di fetileng, Katiso ya pholisi ya Boemedi-jwa-matlole e ne ya tlhabololwa ka 2009 go netefatsa gore go ithuta le go itlwaetsa tiro ga Boto ya Bolaodi-jwa-matlole bo dirwa go ya ka lenaane la semmuso. Diphetogo tse di neng di lebeletswe go ka dirwa mo Botong ya Bolaodi-jwa-matlole mo ngwageng o o felang ka Sedimonthole 2010 di tlhoka kgatelelo e kgolo go bewa mo katisong ya itlwaetso ya Bolaodi-jwa-matlole ba bašwa.
Mokgwa wa tsamaiso e e lolameng wa Sekema o ne wa tlhabololwa go ya pele ka go itsisiwe ga go thapiwa ga Boemedi-jwa-matlole le go thapa badiri. Maikaelelo a tsamaiso e ya go thapa ke go netefatsa gore Bolaodi-jwa-matlole, Maloko a a ikemetseng a komiti le badiri ba itekanetse sentle go ka tsamaisa kantoro. Motlamedi wa bothapi yo o ikemetseng o thapilwe go diragatsa go tlhola go go tlhokegang mme pegelo ya ditlamorago e neetswe Moruni wa nakwana wa ka fa gare wa Sekema go sekaseka sešwa.
Melao e e kwadisitsweng ya GEMS e ne e tshwanetse go sekaseka sešwa ka kgotlagano go netefatsa gore melao e lolame e bile e maleba. Ka tshekatsheko-sešwa e, melao e e tlhalosang batho ba ba ka kwadisiwang jaaka batlhokomelwa ba maloko e bopilwe gape go netefatsa tlhaloso le tiriso e e sa fetogeng. Melao e mešwa e e ikaeletseng tsamaiso e e manontlhotlho e ne ya tlhagisiwa. Mokwadisi wa Dikema tsa pholo tse di kwadisitsweng o kwadisitse melao go tloga ka 30 Seetebosigo 2009.
Kobamelo ya semolao ya tshekatsheko-sešwa e diragaditswe ke moruni wa nakwana wa ka fa gare wa Sekema go leka kobamelo ya melao e e kwadisitsweng ya GEMS le dikarolo tse di tlhagisitsweng tsa molao wa Dikema tsa Pholo. Seelo se se neetsweng ke moruni se ne se siame le diphitlhelelo tse fitlhetsweng mo pegelong di ne tsa tsewa tsia ke botsamaisi ka go di rarabolola ka bonako.
Togamaano ya tsamaiso ya Moamegi wa Sekema e sekasekilwe sešwa ka Kotara 1 ya 2009 mme tshwaragano le bobegi jwa moamegi di dirilwe go ya ka togamaano e e fetotsweng ka nako ya tshekatsheko-sešwa. Kamano e e tshwanang ya Sekema le baamegi bagolo jaaka, Public Service Co-ordinating Bargaining Council, Bomankge ba HR le Bomankge ba Phole le Boitekanelo ba tlhokometswe ka manontlhotlho. Baamegi bagolo ba amogetse dipegelo tsa kotara go tswa kwa Sekemeng mme dišejule tsa dikopano tsa kotara tsa dirwa. Dikgolagano tsa Kotara di akareditsa dikopano ka dikarolo tse neilweng tiro ya botsamaisi jwa mokgwa wa tuelo ya badiredi-puso le baphenšenara, ke gore PERSAL le GEPF.
Tona ya Lefapha la Tirelo ya Setšhaba le Tsamaiso o ne a tswelela go tsewa jaaka wa maemo a magolo wa Sekema le kamano e e tshwanang ya go tlhabologa.
Lenaneo la katiso la Ngwaga-le-Ngwaga la GEMS Human Resource Practitioner Training le ne la tshwarwa go tloga ka 1 Moranang 2009 go fitlha ka 30 Seetebosigo 2009 mme dikatiso seripana di akareditse mafapha bosetšhaba, mafapha a diporofense ga mmogo le bathapi botlhe ba ba ba tsayang karolo mo GEMS. Lekwalo-potlana la kotara la HR Practitioner le itsisitswe mo nakong ya tshekatsheko-sešwa mme e dirisitswe thata go rararbolola mangwe a medi ya mathatha a bolaodi jwa dingongorego tsa bolaodi jwa koleke. Mangwe a mathata a, jaaka go tsenya kgaolo ya tirelo e e kwa morago mo PERSAL, e sala go nna, le tiro e tla dirwa ka 2010 ka tirisano mmogo le HR le moputso wa practitioners mo Tirelong ya Setšhaba.
Dingongorego tsa maloko di ne tsa sekasekwa ka nako le ka manontlhotlho ka nako ya tshekatsheko-sešwa. Maloko a ne a rotloediwa go romela dingongorego tsa bona go Sekema ka go dirisa aterese ya complaints@gems.gov.za. Dingongorego di tlhatlhoseditswe go Bolaodi jwa Sekema le go lebisiwa go aterese ya seeleketoroniki ya dingongorego. Dingongorego tse
Ka 2009 GEMS e tsweletse go netefatsa gore tsamaiso ya bolaodi jwa sefalana sa tshedimosetso sa yona se tlhokometswe le go sirelediwa e bile se na le tlaleletso e e atlegileng. Dipoelo tsotlhe tsa REF di ne di tsepame e bile di rometswe ka nako kwa Khanseleng ya Dikema tsa Pholo.
Pholisi ya Sekema ya Bolaodi jwa tsietso e ne ya tsenngwa tirisong mme ditirelo tsa tlhokomelwa ke Foramo ya Tsietso ya Sekema, ka tshegetso ya patlisiso e e neng e abelwa ke Special Investigating Unit. Pholisi ya Sekema ya Bolaodi jwa tsietso e tsentswe tirisong mme ditirelo tsa tlhokomelwa ke Foramo ya Tsietso ya Sekema, ka tshegetso ya patlisiso e e dirilweng ke Special Investigating Unit (SIU).
Dikatso tsa GEMS tsa 2010 le tlhamo ya dipoelo e ne ya romelwa kwa Khanseleng ya Dikema tsa Pholo ka 25 Lwetse 2009 mme ya tsenngwa tirisong ka katlego go ralala batlamela ditirelo botlhe ba dikonteraka ka 31 Sedimonthole 2009.
Go posa tse di setseng, go kokoanya ditshalelo tse di lekaneng le go tsholetsa seemo se se lolameng sa bobalatlotlo
Sekema se kokoantse dikatso tsa dibilione di le R8,9 mme sa solofediwa dikopo tsa dibilione di le R7,9 sa tlisa tlhokomelo ya pholo e kgolo ya tshadiso ya dimilione di le R774 mo ngwageng. Ditshenyegelo tsa go tlhoka tlhokomelo ya pholo go di laolwa ka bopopota mme tsa emela 7.19% ya lotseno lotlhe la katso la pele ga ditloso. Dipoelo tsa peeletso tsa 5% di lemogilwe go ya ka kopo e e sa fetogeng ya togamaano a peeletso ya Sekema a morago ga ona Sekema se rekotileng tshadiso ya morago ga ditloso ya dimilione di le R263 mo ngwageng wa ditšhelete
Go tsena le go tswa ga tšhelete le tšhelete-tshalelo ya banka ya Sekema di bewa leitlho thata sebaka sa beke le beke go netefatsa gore ditlhokego tsa go jewa di fitlheletswe. Sekema se tlhokometse tšhelete-tshalelo ya banka ya bilione R1 go ralala ngwaga wa ditšheletele go tlhakanya go tsena le go tswa ga tšhelete pele ga ditloso le tlhwatlhwa ya dimilione di le R572.
Sekoloto se laolwa ke Sekema go ya ka melao e e thata ya tsamaiso ya bolaodi. Sekema se kgonne go tshola le go tokafatsa legato la sekoloto go ralala ngwaga, le fa go le jalo, GEMS e ne e lebagane le kgolo ya legato la sekoloto (sekoloto sa dikatso se tlhatlhogile ka 90% mo gare ga Diphalane) e e tlhodilweng ke tlhatlhoso e e saletseng ya moputso le Occupational Specific Dispensations (OSD's) tse di tsentsweng tirisong mo Tirelong ya Setšhaba ka Phukwi 2009. Ditlhatlhoso mo magatong a dikoloto jaaka ditlamorago ka tlhamalalo tsa tsenyo tirisong ya tlhatlhoso ya moputso o o saletseng le OSD di tsamaisitswe ka tshusumetsano e e matlhagatlhaga ya Bomankge ba HR le batsamaisi ba dituelo ba ba farologaneng. Pholisi ya tsamaiso ya dikoloto ya Sekema le yona e sekasekilwe sešwa mo tsamaong ya ngwaga go tlhatlhosa go ya pele dikgato-tiragalo tsa botsamaisi jwa tsamaiso ya dikoloto ya Sekema.
Tshireletso e e lekaneng ya inšorense e bonwe le go ntšhwafadiwa mo tshimologong ya 2009 mme inšorense ya dithoto e e lekaneng e tlametswe go sireletsa dithoto tsa ga jaana ngwaga otlhe.
Tsamaiso ya diakhaonto tsa kgwedi e nngwe le e nngwe ya 2009, e e akaretsang pegelo ya Mokhuduthamaga, di tlhagisitswe (produced) le go tlhagisiwa (presented) go Boto ya Bolaodi-jwa-matlole le Dikomiti tsa yona.
Dipoelo tsotlhe tsa semolao le dipoelo tsa REF di rometswe ka tsepamo le ka nako kwa Khanseleng ya Dikema tsa pholo go ralala ngwaga wa ditšhelete. Go romelwa ga dipoelo tsa semolao go ne go lekanyeditswe go romelwa ga tsamaiso ya diakhaonto ya kgwedi le kgwedi jaaka go tlhokega go ya ka maparego a Khansele ya Dikema tsa Pholo tsa Sekhulara 35 ya 2009.
Botsamaisi jwa matlole jwa dikgato-tiragalo tsa Sekema le bona bo tshegeditse tiro e Mogakolodi-wa-tsa-inšorense a e akareditseng mo maitlhongwaneng a pegelo ya kgwedi le kgwedi a dipalopalo-batho tsa maloko, molokololo wa ditleleimi le ponelopele ya matlotlo mo paka khutshwaneng le paka gare. Go feta foo, palo ya maloko a a ka dumelelwang a ditlhopa tsa badiri e ne ya sekasekwa ka 2009 go swetsa ka ga maatla a ditlhopa tse mo maemong a matlole a Sekema pele ga go letlelela take-on's.
Mokgwa o o dirisiwang go bala ditshenyegelo tsa ditleleimi tse di dirilweng mme di sa amogelwa (IBNR) ka 2009 o ne o ikaegile ka diphetogo mo moding wa tlhaloganyo ya gore tse di dirisitsweng ke Mogakolodi-wa-tsa-inšorense ka tsamaiso ya tirelo ya malatsi a tuelo mo mefuteng e e farologaneng ya ditleleimi, khutshwafatso ya mola wa tlamelo go ya ka maitemogelo a nnete a ditleleimi tse di solofetsweng le go tsaya tsia peresente ya seeleketoroniki kgatlhanong le ditleleimi tse amogetsweng. Sekema se amogela seemo sa Standard Operating Procedure (SOP) go bala tlamelo ya IBNR go tloga ka Tlhakole 2009.
Tlhoseletso ya Letlole la tekatekanyo ya Kotsi mo maemong a matlole a Sekema a lokolotswe ka kotara ka 2009 gore Sekema se kgone go supa mekgwa tlhabololo e e totobetseng e e ka tsenngwang tirisong. Go tsenngwa tirisong ga Letlole la tekatekanyo ya kotsi e e lebeletsweng e tla nna le tlhosel
Go bona pegelo e e siameng mo ngwageng wa bone wa tiro go bontsha tlhoseletso e bolaodi le Boto ba dirileng ka natla go sireletsa dithoto tsa Sekema le dikgatlhegelo tsa maloko.
Go itsise bolaodi jwa tirelo ya pholo e e matlhagatlhaga e e tla sireletsang pholo ka go tlhabolola porofaele ya kotsi ya sekalafi ya Sekema
Maano a nako e e tlang a 2009 a bontshitse tshutiso e e lekaneng go tswa mo mokgweng o o ikaegileng ka inšorense go ya go o leloko le lengwe le lengwe le le nang le tetla e e maleba go tlhokomelo ya ditirelo tsa pholo, ka go tlhola le go tshegetsa go go leng mo tirisong. Tiro ya go ala maitshetlego ga tshutiso go tswa mo mokgweng o ikaegileng ka inšorense e dirilwe ka fa tlase ga leano la maikaelelo a nako e tlang a go tlisa tlhokomelo e e matlhagatlhaga ya bolaodi jwa pholo jo bo tla tokafatsang porofaele ya kotsi ya sekalafi ya Sekema.
Boto e letleletse leano la theko la 2009 le le boneng go bopega ga ditirelo tsa tlhokomelo ya Sekema tse di tsamaisiwang ka tlhomamo fa mo tshimologong, ditirelo tsa tlhokomelo ya pholo tsa Sekema tse di tsamaisiwang ka tlhomamo di ne di abetswe ka boitlhopelo jwa poelo. Dithennere di ntshitswe ka 13 Motsheganong mo ditirelong tse di latelang:
Ditirelo tsa tlhokomelo tse di tsamaisiwang ka tlhomamo, di akaretsa sentlhaga sa motlamedi wa tlhokomelo ya pholo go ya ka boitlhopelo jwa dipoelo tsotlhe tse di kwadisitsweng;
Maikaelelo a nako e etlang a ditirelo tse di tsamaisiwang sentle a tlhokomelo ya dipoelo tsotlhe tsa GEMS tse di kwadisitsweng; Leano la tlhokomelo e e tsamaisiwang sentle la ditirelo tsotlhe tsa maloko otlhe a a kwadisitsweng mo boitlhophelong jwa poelo jwa GEMS;
Ditirelo tsa tsamaiso ya malwetse a HIV go baamogeladitshwanelo go dipoelo tsotlhe tsa GEMS tse di kwadisitsweng.
Batlamedi ba ba rategang ba tlhagisitswe ke Boto ya Bolaodi-jwa-matlole ka 31 Phukwi 2009 mme tsamaiso ya konteraka ya konosediwa ka Diphalane 2009.
Jaaka ditlamorago tsa go bopa sešwa ga ditirelo tsa tlhokomelo tse di tsamaisiwang sentle, dithulaganyo tse di duetsweng ke maloko di emisitswe ka 2010 le tsamaiso ya kotsi ya tlhokomelo ya pholo ya boitlhopelo jwa dipoelo ya Sekema, go akaretsa Beryl le Sapphire, e fetisitswe go motlamedi wa tlhokomelo e e tsamaisiwang sentle. Tiro e diriliwe go tlhabolola le go senola Sentlhaga se sešwa sa baamogeleditshwanelo ba Beryl le Sapphire le dituelo tse di tla tsenngwang tirisong ka 2010. Dikonteraka tsa Sentlhaga sa GEMS tsa boitlhophelo jwa botlhe jwa Sekema di akaretsa ikwadiso ya batlamedi botlhe ba ba leng mo go Friends of GEMS Network. Maloko a a neng a amega a amogetse thuto ya maloko e e kgotlaganeng ka 31 Sedimonthole 2009 go ba tlwaetsa ditirelo tse di fetogileng.
Ditekanyetso tsa dipoelo tsa Sekema tsa 2010 le tlhokomelo ya pholo tsa ditheo tsa tlhokomelo e e laolwang tse di neng di neetswe konteraka ke Sekema, di tlhabolotswe ka mokgwa o o matlhagatlhaga wa Mogakolodi-wa-tsa- inšorense le molokololo wa matlotlo.
Diphitlhelelo tsa tiro ya bolaodi jwa tlhokomelo ya pholo tse di gogelang tsa boitlhophelo jwa Beryl le Sapphire di akareditsweng mo tlhokomelong e e tsamaisiwang sentle ya dikonteraka tsa Sekema.
Tiro e e dirilweng ka maikaelelo a go bona thefosanyo ya thulaganyo ya tuelo ya mosenyegelwa di simologile ka go thankgolola le go tsenya tirisong porojeke ya teko magareng ga Sekema le Sentlhaga sa Baitseanape sa KZN. Maikaelelo porojeke ya teko ke go tlhotlhomisa le go meta kgonagalo ya go fokotsa ditshenyegelo mo tlhokomelong e ka tlisiwang ke letsholo-kopanelo le le tserweng ke Sekema le sentlhaga sa batlamedi ba tlhokomelo ya pholo. Ditlhopa tsa Maokelo di ne tsa tsenngwa mo thulaganyong ya thefosanyo ya katso ya ditirelo tsa tuelo ya mosenyegelwa.
Porojeke ya setshwantsho sa tlhabololo ya kotsi nngwe le nngwe ya porofaele ya baamogeladitshwanelo ba GEMS, e e tla dirisediwang go tlhotlhomisa tliso-diphetogo ya ditlhamo tsa dipoelo tse di ikemiseditseng go tlhatlhosa tetla go ditirelo tsa tirelo ya pholo ya baamogeladitshwanelo ba GEMS ka paka gare, e tlhabolotswe le go tsenngwa tirisong.
Molebo o mogolo wa pholo wa GEMS e arogantswe le Lefapha la Tirelo le Tsamaiso go tshegetsa tlhabololo ya pholo kwa tirong le mananeo a boitekanelo.
Go tlhokomela le go tokafatsa ditirelo tse di kopanetsweng tsa Sekema
Sebopego sa bogato jwa Sekema se ikaegile ka kantoro-kgolo e nnye mme e rulagane sentle e e tsamaisang le go lebelela kgwebo ya Sekema le go tshegetsa Boto ya Bolaodi-jwa-matlole le Dikomiti tsa Boto. Maloko a le supa a badiri a thapilwe go ya kwa bokhutlhong jwa nako e e fetileng ya pegelo, ke gore nako e e fedileng ka 31 Sedimonthole 2008 mme ba simolotse tiro ka Ferikgong le Tlhakole 2009. Badiri ba bašwa ba amogetse katiso e e tseneletseng ya go itlwaetsa tiro go fetola bogato jwa tikologo e e itlhaganedisitsweng ya Sekema. Maloko a mangwe a le mabedi a badiri a ne a thapiwa ka nako ya tshekatsheko-sešwa le palogotlhe ya badiri ba Sekema ba le 27.
Leano la tshalano-morago le amogetse tsibogelo mo nakong ya tshekatsheko-sešwa le pholisi tshalano-morago go ya ka Motlhankedi-mogolo e tlhabolotswe mme e letleletswe ke Boto. Ditlhokego tsotlhe tsa leano la tshalano-morago la dipholisi tsa GEMS di mo teng mme di tsentswe tirisong.
ya kotsi e e lebileng Sekema. Go ikaegilwe ka tiro e, rejisitara ya Sekema ya togamaano ya kotsi e tlhabolotswe mme tiro yotlhe ya boruni jwa ka fa gare e ne ya golaganngwa le tse di kwa morago mme dikotsi tsa tlhagiswa jaaka ditlapele. Leano la netefaletso le le kopantsweng le tlhagisa gore dikotsi tsotlhe tse di tlhagisitsweng, tse di sireleditsweng ke maphata a a tsayang maikarabelo e romeletswe Boto ya Bolaodi-jwa-matlole ka dinetefaletso tse di tlhokegang.
Go ya pele ka togamaano ya kotsi, bogato jwa dikotsi di tlhagisitswe ka natla mme semeto sa go fokotsa dikotsi se tlhabololetswe go tsenngwa tirisong ka nako ya tshekatsheko-sešwa. Ditshekatsheko tsotlhe tsa dikotsi le ditogamaano tsa phokotso ya dikotsi di letleletswe ke Boto le go dumelelwa ke Komiti Boruni. Motlhankedi-mogolo o tlametswe ke Boto ka tswelopele ya kotara go tsamaelana go tsenngwa tirisong ga semeto sa phokotso ya dikotsi e e letleletsweng ka go obamela pholisi ya tsamaiso ya Sekema, e tlhomamisitswe ka Sedimonthole 2009.
Pholisi ya tsamaiso ya Kotsi ya Sekema e ne ya boelediwa go ya pele go akaretsa maemo a a siameng a Pegelo ya King III ka ga Tsamaiso e e lolameng.
Leano la Theko la GEMS la 2009 le letleletswe ke Boto ya Bolaodi-jwa-matlole ka 26 Mopitlwe 2009 mme theko ya ditirelo ka 2009 e tsamaisitswe ka tlhomamo.
Bolaodi jwa Pholisi ya Sekema ya Supply Chain bo kokoantswe mme semeto sa boitsholo-phepa jwa Tsamaiso bo tsentswe tirisong ka 2008, go dirwa ka nako ya tshekatsheko-sešwa.
Dikgwetlho le merero ya go obamela
Boikuelo jwa Boto ya Khansele ya Dikema tsa Pholo di sweditse kgatlhanong le GEMS ka Lwetse 2008 go ya ka maitlhongwana a tleleimi ya ngaka ya bana ya Khoutu ya Motlhapholodi (Modifier) mme Boto e dumetse gore GEMS e tla solofediwa ditleleimi tse go tloga ka Ngwanatsele 2008 ka Khoutu e ne e akareditswe mo thalong ya 2009 National Health Reference Price List (NHRPL). Le fa go le jalo, NHRPL ya bofelo ya 2009 ga e a akaretsa tleleimi tuelo ya mosenyegelwa ya ngaka ya bana kgatlhanong le Khoutu ya Motlhapholodi ya 0019 mme GEMS e solofetsweletse ditleleimi tse 2009 yotlhe. Moremo o o tlisitswe mo tsibogelong ya Boto mme go latela seo, GEMS ya letlelelwa go tswelela go solofediwa Khoutu ya Motlhapholodi 0019 fa di tleleimilwe ke dingaka tsa bana.
Boto ya Bolaodi-jwa-matlole kwa tshimologong, e letleletse gore GEMS e tshwanetse go thusa Lefapha dikamano tsa Boditšhabatšhaba go tlhabolola boitlhopelo jwa dipoelo tsa Boditšhabatšhaba tsa badiri ba ba dirang kwa dinageng tsa kwa ntle. Leano kwa tshimologong, tiro ya Mogakolodi-wa-tsa-inšorense le dikopano le Khansele ya Dikema tsa Pholo di ne di tserwe mme tsamaiso e eme fa sefalana sa tshedimosetso se emetswe go tswa kwa Lefapheng le Dikema tsa pholo tse badiri ba kwadisitsweng mo go tsona. GEMS e sala go ineela go tsaya ditsamaiso tsa go ya pele.Sefalana sa tshedimosetso se amogetswe kwa bokhutlhong mme sa simola go dira moragonyana ka 2009.
Seelo sa tswelopele ya kgwedi le kgwedi ya maloko a a dirisang tirelo ya Friends of GEMS e setse go nna kwa tlase ga 50%. Dikgato tse di farologaneng di le mmalwa di tserwe ke botsamaisi go bona seelo sa tswelopele se tokafala, go akaretsa phasalatso ya bukana e e diretsweng maloko ya 'go dirwa jang'. Ka tlhagiso le phatlhalatso e e tswelelang ya melaetsa e e boelelang go solofetswe gore seelo sa tswelopele se tla tokafala mo tsamaong ya nako.
Dikamano-tshwantshanyo tse di beetsweng Sekema ga di a kgotsofatsa maparego a Molao 29 wa Melao ya Dikema tsa Pholo. Sekema se itemogetse kgolo e e botlhokwa ya maloko ka nako ya tshekatsheko-sešwa mme se sa tlhaphola magato a dirasefe tsa sona le kamano tshwantshanyo ya matlole a a lekaneng. Kamano-tshwantshanyo ya matlole a a lekaneng e amilwe ke lenaane la ditlhwatlhwa la National Health Reference Price List le le leng neng le le kwa godimo go feta ditlhatlhoso tse di neng di diretswe tekanyetso-kabo (ke gore seelo se se dirisitsweng ke Sekema go duela ditlelelimi tsa mosenyegelwa) le kgolo ya kalafi ya Single Exit Price (SEP) ka nako ya tshekatsheko-sešwa e e fokoditseng diresefe ka 0.89%. Go feta, maitemogelo a ditleleimi tse di leng kwa godimo go feta ka moo go neng go lebeletswe ka 2009, di letleletswe go maroborobo a a farologaneng (ke gore flu, swine flu le RSV) le kgolo mo dipalong tsa ditsamaiso tse di sa patelediweng tse di dirwang kwa bookelong. Kamano-tshwantshanyo ya matlole a a lekaneng ya 11.08% ka 31 Sedimonthole 2009 tlhaelo ya legato la mo legatong la 11.93% tse di letleletsweng ke Mokwadisi ka 2007 go latela tetla ya leano la kgwebo le le rometsweng ke Sekema go Khansele ya Dekema tsa Pholo. Sekema se ne ka bonako sa begela Khansele ya Dikema tsa Pholo mo maparegong a
Karolo 29 ya Molao wa Dikema tsa Pholo tsa botlhokwa, matlole a a kokoantsweng a tlhatlhogile ka bokanaka 36% go tswa mo dimilione di le R 723 million go dimilione di le R 986 mme se se ne se sa lekana go gaisana le tlhatlhoso ya 59% ya letseno la dikatso tsa Ngwaga-le-Ngwaga.
Tlhopho ya Onyx ke yona fela tlhopo ya poelo go begela ka ga tlhaelo ya matlotlo ya ngwaga ka nako tshekatsheko-sešwa mme ya palelwa ke go kgotsofatsa tlamelo ya karolo 33 ya Molao wa Dikema tsa Pholo. Ditatlhegelo mo boikgethelong jo di amanngwa le maitemogelo a ditleleimi tse di kwa godimo, go tlhagelela ga malawetse a nako e telele le seelo sa go amogela baamogeladitshwanelo mo tlhophong e, ga mmogo le lebaka la gore go feta 20% ya baamogeladitshwanelo mo tlhophong ke maloko a baphenšenara Boraro go feta palogotlhe e e tlhagelelang mo seelong sa baphenšenara ba Sekema. Boleng le makgetlo a ditleleimi di fetile ponelopele, ya maloko a mašwa le a a leng teng mo go Onyx. Dipoelo le dikatso di ne , le fa go le jalo tsa fetolwa ka 2008 go tsenngwa tirisong ka 2009 go fetola maitemogelo a ditleleimi le go atolosa serala sa botokololo sa boitlhophelo. Mokwadisi o o letleletse leano la kgwebo la boitlhophelo go nna e e lekanetseng mo boitlhophelong mo paka gareng le go begela go go beetsweng nako ya go diragala. Sa botlhokwa, boitlhophelo jwa Onyx bo kwadisitswe jaaka jwa poelo ka 2010 morago ga maitlhongwana a leano la kgwebo la 2010.
Go nnile le ditiragalo tse di nnileng teng ka 2009 tse bathapi ba paletsweng ke go duelela dikatso ka letsatsi la boraro la kgwedi. Go le gantsi se e nnile ditlamorago tsa dikoleleke tse di tshwanetseng go ntshiwa ke lefapha le le rileng, le be le feta ditsamaiso tsa ka fa gare tsa lefapha leo go ya ka dituelo tsa EFT. Sekema ikgolagantse se sa emise le batsamaisi ba bagolo ba makala a a thapang go netefatsa gore dikatso di tla tsewa go ya ka karolo 26 ya Molao wa Dikema tsa Pholo. Jaaka tlwaelo, didiphositi di busi
Ke rata go leboga le go lebogisa maloko otlhe a badiri ka kgolo le tlhabololo tse di tsweletseng. Ditebogo tse di botlhokwa di tshwanetse go ya go maloko a Komiti ya taolo, ke gore Damaria Pholosi (Modulasetulo), Charles Irumba le Nokukhanya Zwane, ba ba tsamaisitseng tiragatso ya MEDCOR ka katlego, mo godimo ga ditiro tsa bona tsa tlwaelo.
Ke rata gape go leboga David Makgalo go tsenya tirisong Lenaneo la Katiso la HR ya GEMS go ralala Tirelo ya Setšhaba yotlhe mo Kotareng ya babedi ya 2009.
Batlamedi ba Ditirelo
Ke rata godirisa tšhono e go leboga badiri botlhe ba batlamedi ba ditirelo ba ba nang le konteraka le Sekema go neela ditirelo. Badiri ba ba dirile mo dikgwetlhong tse di farologaneng ka nako ya tshekatsheko-sešwa mme ba bontshitse boineelo jo bo sa fetogeng go baamogeladitshwanelo ba Sekema.
Tona ya Tirelo ya Setšhaba le Tsamaiso
Ka boikobo ke rata go leboga Tona go letla Sekema go tswelela le go tsenya maatla a gagwe mo tsamaisong ya mediro ya Sekema.
Khansele ya Dikema tsa Pholo
Mokwadisi wa nama-o-tshwere wa Dikema tsa Pholo, Rre Craig Burton-Durham, le setlhopha sa gagwe se se dirisanang le GEMS kgapetsa-kgapetsa go tlamela ka kaetso e e seng kana ka sepe le bokgoni jo a bo neileng Sekema fa go tlhokega, di lebogelwa ka boikobo.
Mokwadisi yo o fetileng wa Dikema tsa Pholo, Rre Patrick Masobe, ga mmogo le Mokwadisi wa nama-o-tshwere wa Dikema tsa Pholo yo o fetileng, Rre Patrick Matshidze, le bona ba lebogilwe thata ka kaetso le tshegetso go GEMS ka nako ya tshekatsheko-sešwa.
Go ba lelapa la ka
Kwa bokhutlhong, lefoko la botlhokwa la ditebogo le tshwanetse go leba go mosadi wa me yo o rategang le bana ba ba ntetlileng go diragatsa tiro ya me jaaka Motlhankedi-mogolo wa se e salang go nna Sekema sa Pholo sa Puso se se botswerere.
Boto ya Bolaodi-jwa-matlole e tlhagisa pegelo ya yona ya Ngwaga-le-Ngwaga ya ngwaga o o fedileng ka 31 Sedimonthole 2009.
Nomoro ikwadiso: 1598
TLHALOSO YA SEKEMA SA PHOLO
Maparego a ikwadiso
GEMS ga se Sekema sa pholo sa poelo e e lekanyeditsweng go ya ka maparego a molao wa Dikema tsa pholo 131 wa 1998 (Molao), jaaka o fetotswe.
Go na le boitlhophelo jwa dipoelo di le tlhano, jaaka di tlamelelwa mo ikwadisong ya melao ya Dikema, di neetswe ka 2009, e leng:
Leano la Polokelo
Maikarabelo a leano la polokelo a emetse dikatso tsa lona tse e leng letlhakore la polokelo la dikonteraka tsa inšorense tse go dumalanweng ka tsona magareng ga maloko le Sekema, ntle le ditleleimi tse di solofetsweng go tswa mo maikarabelaong a Sekema mo boemong jwa maloko a sona. Letlhakore la polokelo le tlhatlhamolotswe ka jaanong Sekema se kgona go meta letlhakore la polokelo kwa thoko mme dipholisi tsa bobalatlotlo ga di tlhoke ke go tsaya tsia pateletshego le ditshwanelo tse di tlisiwang ke letlhakore la polokelo. Letlhakore la inšorense la palogotlhe ya dikatso tsa kgwedi le kgwedi e tsewa tsia go tsamaelana le IFRS 4.
Maikarabelo a leano la polokelo, ke gore letlhakore la polokelo, le tsewa tsia go tsamaelana le IAS 39 le ditshenyegelo tse di metilweng gonne le na le sebopego sa go pateletsa. Dikatso tsa leano la Polokelo di kereditiwa ka mokgwa wa go oketsa le go goga tšhelete ka mokgwa wa tšhelete e e seatleng, ke gore ga go tlamelo e e diretsweng ditleleimi tse di saletseng kwa morago kwa bokhutlhong jwa ngwaga.
Taolo ya tlhokomelo le dithulaganyo tsa go sutisa
Ditumelano tse di ikaegile ka melao ya Sekema le go tsamaelana ditlhokoego tsa Boemedi-jwa-matlole. Nako ya tumelano e e ntšhwafaditsweng e ke ngwaga o le mongwe go tloga ka 1 Ferikgong 2009 mme e tla fela ka 31 Sedimonthole 2009. Sekema se na le tshwanelo ya go ka emisa ditumelano ka kitsiso ya malatsi a le 90. Sekema se sekasekile sešwa tsamaiso ya go fetisa kotsi ga boitlhophelo jwa Sapphire le Beryl ka nako ya tshekatsheko-sešwa mme se se fetotse selebego ka 2010.
Go ya ka tetla kwa-pele ya bookelo le ditirelo tsa thuso ya potlako, ditlhwatlhwa di badiwa go ya ka maloko a a kwadisitsweng mo kgweding (ntle le maloko a a beetsweng thoko nakwana). Tšhelete-tshalelo e e saletseng kwa morago ga e tsale morokotso mme e solofetswe mo malatsing a le 7.
TSAMAISO LE BOLAODI
Tsamaiso le bolaodi jwa Sekema di ne di tlhokometswe ke Boto ya Bolaodi-jwa-matlole, e e nang le batho ba le somepedi ba ba kailweng ba tshwanetse e bile ba le maleba go tsamaisa kantoro. Balaodi jwa Matlole ba le barataro ba ne ba tlhophiwa ke maloko Boemedi-jwa-matlole go latela ditlhopho tse tlhokometswe ke Electoral Institute of South Africa (EISA) ka 2007 mme Tona ya Tirelo ya Setšhaba le Tsamaiso o thapile Balaodi ba Matlole go tsamaelana le Melao e e kwadilweng ya Sekema.
Boto ya Bolaodi-jwa-matlole mo kantorong mo gare ga ngwaga wa tshekatsheko-sešwa
Diaterese tsa Motlhankedi-mogolo tsa kantoro le tsa poso
Diaterese tsa kantoro le tsa poso tse di kwadisitsweng
Motsamaisi wa Sekema sa Pholo mo gare ga ngwaga, aterese ya kantoro le ya poso
Diaterese tsa kantoro le tsa poso tsa 'Bagakolodi-ba-tsa-inšorense'
Setlamo se se bayang leitlho Pholo se thapilwe jaaka bagakolodi-ba-tsa-inšorense tsa Sekema kwa tshimologong ya 2010 mme ba tlametse Sekema ka palo ya bofelo ya IBNR go tloga ka 31 Sedimonthole 2009 Dintlha tsa bona tsa kgolagano di eme jaana:
Diaterese tsa kantoro le tsa poso tsa Moruni
TOGAMAANO YA GO BEELETSA
Sekemasebeeleditsemodidiphositingtseditsepameng(fixeddeposits)tsanakoeesafetengdibekedilethataro lediakhaonto tsa call mo tsamaong ya 2009. Togamaano ya poeletso e sekasekilwe sešwa ke Boto ya Bolaodi-jwa-matlole Ngwaga-le-Ngwaga, ba tsaya tsia gore go obamela molao, dikotsi le morokotso wa didiriswa tsa dipeeletso tse di farologaneng le tshadiso ya matlotlo a a leng teng. Ka 2009 Sekema se tsweletse ka togamaano ya peeletso ya matlole a a fetileng selekano mo kotsing e e kwa tlase ya didiriswa tsa go tsala morokotso wa paka-khutshwane.
Ditiro tsa peeletso ya Sekema di se tlhagisetsa mefuta ya dikotsi tsa matlole, go akaretsa ditlamorago tsa dielo tsa morokotso. Leano ka karetso la tsamaiso ya kotsi le lebile thata go sa makatseng ga mebaraka ya matlole mme e ka rata go fokotsa ditlamorago tse di ka sekeng tsa kgatlhisa mo tirong ya go beeletsa gore Sekema se tsweletse boineelo jwa sona go maloko a sona.
Tsamaiso ya kotsi le ditshwetso tsa peeletso di dirwa ke Mokhuduthamaga wa Sekema, ka fa tlase ga bokaedi le dipholisi tse di letleletsweng ke Boto ya Bolaodi-jwa-matlole. Botsamaisi jwa Mokhuduthamaga bo tlamela dintlhatheo tse di kwaletsweng botsamaisi jwa kotsi jotlhe ga mmogo le dipholisi tse di kwadilweng tse di sireletsang karolo e e rileng tse di tshwanang le kotsi ya seelo sa morokotso, kotsi ya keretiti, tiriso ya didiriswa tsa matlole tse di kopolotsweng le peeletso ya matlole a a fetileng selekano mo sefalaneng se le sengwe.
TSHEKATSHEKO-SEŠWA YA NAKO YA DITIRO TSA BOBALATLOTLO
Dipalopalo tse di botlhokwa tsa kgwebo le tekanyetso ya tiro di tlhagisitswe mo karolong ya Pegelo ya Boto go tlhalosa mokgwa o kgwebo ya Sekema e godileng ka teng, ditirelo di dirilwe le kgwebo e dirile sentle mo nakong ya jaanong.
Dikgaolo tsa Gauteng le KwaZulu-Natal tse di nang le bokgoni jwa kgolo, jaaka di na le dipalopalo (contingency) tsa badiredi-puso. Le fa diporofense di le pedi tse di ka nna le seelo sa tsenelelo se se kwa tlase ka 25.40% le 32.89% ka tatelano, di na le 41% ya palogotlhe ya botokololo jwa GEMS.
Kgolo ya botokololo go mo tsamong ya 2009 e bone Sekema se oketsa 109,000 ya maloko a mašwa mo gare ga ngwaga. Botokololojobogodilengbotlisitswekekgoloyapaloyamelayaditleleimitsediamogetsweng,tsasekwasekwalegosekasekwa le o duelelwa. Gotlhe, Sekema se dueletse go feta dimilione di le 47 tsa mela ya ditleleimi ka 2009 (fa go tshwantshanngwa le dimilione di le 32 tsa mela ya ditleimi ka 2008).
Tlhatlhoso ya ditshenyegelo go tsa poelo go tloga Moranang go fitlha go Lwetse ya ngwaga mongwe le mongwe go solofetswe ka setlha (ke gore dikgwedi tsa mariga). Sekema se tshwanetse sa bo se na le poapoelelo ya tuelelo ya ditleleimi ya dikeke di le 4 mme ditlhatlhogo ka dikgwedi tsa Phukwi le Phatwe di dirwa ke ditleimi tsa dipoapoelelo tse di se nang malatsi a tirelo, ke gore dipoapoelo tsa tleleimi ya dibeke di ke 5. Ditleleimi tsa kamano-tshwantshanyo di itemogetswe ka Sedimonthole 2009 e ne e le 72.06% fa e tshwantshanngwa le 41% ka Sedimonthole 2008. Tiro e e kwa godimo e e tlisitswe ke gore Sedimonthole e na le malatsi a le mantsi a tirelo (malatsi a le 34) fa e tshwantshanngwa le Ngwanatsele (malatsi a le 28). Gape, batlamedi ba ditirelo ba ne ba le bonako ka maitlhongwana a ditleleimi tsa Sedimonthole, fa go feta 60% ya ditleleimi di duetswe ka Sedimonthole e le tsa kgwedi eo.
Jaaka go bontshiwa mo sethalong se se fa tlase, Sekema se tsepamisitse mo go atoloseng sentlhaga sa Designated Service Providers (DSP) go netefatsa tetla e e kgonegeng ya go tlhokomela maloko ka mmapa wa mafelo kgatlhanong le sentlhaga sa DSP.
Ngaka ya matlho 1,082 1,106 1,130 1,130 1,144 1,152 1,160 1,138 1,160 1,220 1,220 1,234
Ngaka ya meno 1,073 1,083 1,103 1,117 1,121 1,125 1,132 1,137 1,132 1,134 1,134 1,137
Dingaka-kakaretso 2,682 2,695 2,746 2,760 2,785 2,786 2,797 2,807 2,806 2,805 2,825 2,832
Dipetlele 250 251 268 270 270 270 270 270 270 270 271 276
Borakhemisi 981 981 965 965 965 965 965 965 965 965 953 953
Tshegetso DSP ka tetla ya sentlhaga sa maloko a boitlhophelo jwa Sapphire le Beryl ga e a lekanyediwa fela kgolo ya dipalo go DSP e tshegetsa tetla go sentlhaga sa DSP ka maloko a boitlhophelo jwa Sapphire le Beryl bo sa lekanyediwa go kgolo ya dipalo mo sentlhageng sa maloko mme gape lefelo la motlamedi wa sentlhaga go amana le magae le madirelo a maloko. Go feta 90% ya maloko a boitlhophelo jwa Sapphire le Beryl ba nna kgotsa go dira mo sekgaleng sa 10km ya batlamela sentlhaga. Sentlhaga sa mmapa wa mafelo kgatlhanong se se tlhagisang fela botokololo e tlhagisitswe fa tlase.
Maitemogelo a Botokololo
Thadiso e e fa tlase e sobokanya kgolo ya botokololo le selekano sa lelapa sa GEMS go tloga Ferikgong 2009 go filtha 31 Sedimonthole 2009.
Botokololo jwa Sekema bo godile ka palogare ya 36% mo ngwageng o, go tloga go 300,536 (baamogeladitshwanelo ba le 824,738) malokomagolokwabokhutlongjwa2008go409,304(baamogeladitshwaneloba le1,147,897)kwabokhutlongjwa2009.Boitlhopelo jotlhe bo bontshitse seelo se sentle sa kgolo ka 2009. Fa e sale ka 2008, Boitlhopelo jwa Emerald bo godile go feta mo maparego a anengasolofetswe(baamogeladitshwanelobale277,121kgotsa46%fagotshwantshwanngwa le2008)mmeboitlhopelojwaBeryl bo ne bo na le palo e nnye ya kgolo e e neng e solofetswe (baamogeladitshwanelo ba le 3,314). Thadiso e e fa tlase e tlhagisa boalo jwa botokololo ka Boitlhopelo fa e sale ka 31 Sedimonthole 2009.
Boitlhophelo jwa Emerald bo sala go nna boitlhophelo jwa poelo jo bo golo (76.6% ya maloko magolo) fa boitlhophelo jwa Beryl bo sala go nna boitlhophelo jwa poelo jo bo nnye. (2.8% ya maloko a magolo). Boitlhophelo jwa Sapphire bo rekotile peresente e e kwa godimo ya leloko ka kgwedi fa le tshwantshanngwa le a mangwe. Boitlhophelo jo bo bontshitse kgolo e kgolo mo dikgweding di le tlhano ka go latelana go fitlha go Sedimonthole, go netefatsa tswelopele ya phitlhelelo ya matsholo a papatso a Sekema mo dikgweding tse di amegang.
Kgolo ya baamogeladitshwanelo ka boitlhophelo jwa poelo ka 2009 bo thadilwe fa tlase. Boitlhophelo jwa Beryl le Onyx bo bontsha seelo sa kgolo sa kgwedi le kgwedi se kwa tlase ga 1%.
BoitlhophelojwaOnyxbotswelelagonnalemalokoaagodilenglebaamogeladitshwanelomopalogareeledingwagadile36.0 fa botlhophelo jwa Ruby bo na le maloko a mašwa thata ka palogare ya baamogeladitshwanelo e le dingwaga di le 26.3 le go feta. Palogare ya dingwaga tsa bamogeladitshwanelo ba GEMS ke dingwaga di le 27.1. Peresente ya baamogeladitshwanelo ba ba nang le dingwaga tse di fetang 65 e oketsegile go tswa go 2.34% ka Sedimonthole 2008 go fitlha go 2.46% ka Sedimonthole 2009.
Kamano-tshwantshanyo ya 2009 ya batlhokomelwa ba bana ba maloko mo go GEMS e tlhatlhogile go le gonnye go tswa go go 1.28, fa kamano-tshwantshanyo ya batlhokomelwa ba bagolo e fokotsegile go tswa go 0.54 go 0.53. Sekema se rekotile tlhatlhoso mo selekanong sa palogare ya lelapa jaaka ditlamorago tse di setseng tsa sethalo se se fa godimo.
Palogare ya selekano sa lelapa sa maloko mo go GEMS ka 2008 e ne e le 2.75. Boitlhophelo jwa Sapphire le Emerald bo na le palogare e kgolo go feta ya selekano sa lelapa (3.41 le 2.81 fela jalo). Thadiso e e fa tlase e tlhagisa kamano-tshwantshanyo ya motlhokomelwa (tlhagiso ya dilekano tsa lelapa).
Boitlhopelo jotlhe jwa GEMS bo tlhagisa palo e e kwa godingwana ya baamogeladitshwanelo ba bomme go na le ba borre. Boitlhopelo jwa Sapphire le Beryl di ne le fa go le jalo, Boitlhopelo jo bo leng teng go ka nna le palo e e kwa godingwana ya maloko magolo a borre go feta a bomme. 56.6% ya baamogeladitshwanelo ba Sekema ka 2009 ke bomme (56.4% ka 2008). Go tlhagelela ga baamogeladitshwanelo ba bomme go solofetswe ka ntlha ya palo e kgolo ya maloko a bomme a a thapilweng mo mafapheng a Pholo le a Thuto.
Mo boitlhopelong jwa Sapphire le Beryl, Beryl e na le palo e e kwa godimo ya batho ba bonang letseno le le kwa tlase (kwa tlase ga R3, 000) fa boitlhopelo jwa Onyx le Emerald bo na le dipalo tse di kwa godimo tsa maloko a magolo a a bontsi jwa palo ya maloko magolo a a bonang letseno le le kwa godimo ga R6,000 ka kgwedi. Ka kakaretso 31.3% ya maloko a GEMS a bona kwa tlase ga R6,000 ka kgwedi (go akaretsa le baphenšenara).
Ngwaga wa 2009 o bontshitse kgolo mo go sireletseng badiri ba ba maleba ba bosetšhaba. Kapa Bophirima, Foreistata le Kapa Bokone di nnile le dipalo tse di kwa godimo tsa tshireletso. Go tswa mo thadisong e e fa tlase, Kapa Bokone e nnile le palo e e kwa godimo ya kgolo ya maloko (53.64%), e latelwe ke Mpumalanga (39.76%) mme go tle Foreistata (38.08%).
Maitemogelo a ditleleimi
Tuelo ya ditlelimi e tlhagisa gore bogolo jwa karolo ya tiro bo dirwa ke GEMS.
Sekema se dirile sentle fela mo tsamaong ya 2009, go koleka dikatso tse di fetang tsa ditleleimi le ditshenyegelo tsa boitlhophelo jotlhe ntle le jwa Onyx. Thadiso e e latelang e sobokanya tiro ya boitlhophelo jwa GEMS ka go farologana mo ngwageng wa 2009.
Ka kakaretso, palogotlhe ya ditleleimi tsa ka fa teng ga bookelo di ne di le kwa tlase ga tse di neng di bajetilwe ka bokana ka 6.23%. Mefuta ya ditleleimi tsa ka fa gare ga bookelo e e itemogetseng peresente e e kwa godimo ya go arogana go mo tswa tekanyetso-kabong ke gore kwa tlase ga ditleleimi tse di solofetsweng e ne e le tsa dipoelo tsa HIV/AIDS, maxillo-facial le dipoelo tsa pelegi. Le fa go le jalo, mo maparegong a tlhagisitseng karogano go tswa mo tekanyetso-kabong ya Maxillo-facial le HIV/ AIDS di ne di se kalo (ke gore kwa tlase ga karogano ya R0.20 leloko le leloko kgwedi le kgwedi go tswa mo tekanyetso-kabong).
Mefuta ya ditleleimi tsa ka fa gare ga bookelo tse di itemogetseng peresente e e kwa godimo ya karogano go tswa mo tekanyetso-kabong ke gore kwa godimo ga ditleimi tse solofetsweng e ne e le phokotso ya matsele, internal and external prostheses, jalelo ya dithwe le kidney dialysis. Mo maparegong a a tlhagisitseng karogano e e kwa godimo ya ditleleimi tsa ka fa gare ga bookelo go tswa mo tekanyetso-kabong e ne ka kakaretso e le ya go robala kwa bookelong, ke gore R57.59 leloko lengwe le lengwe, ka kgwedi kwa tlase ga se se solofetsweng se se leng setlhola segolo sa go ya tlase ga ditleleimi tse di solofetsweng ka 2009.
Ka kakaretso, ditleleimi tsa ka fa ntle ga bookelo di ne di kwa godingwana ga se se solofetsweng ke gore 18.77% go feta se se solofetsweng. Ditsholofelo tsa ditleleimi tsa ka fa ntle ga bookelo ntle le tse di ultrasound scans ka go ima di ne di le kwa godingwana ga tse di bajetilweng. Mefuta ya ditleleimi tse di itemogetseng peresente e kgolo ya karogano go tswa mo tekanyetso-kabong di ne di tswa mo specialised dentistry, HIV/AIDS le pelegi ya kwa gae. Le fa go le jalo, ntle le HIV/AIDS mo tlhagisong ya karogano ya maparego go tswa mo tekanyetso-kabong e e itemogetsweng mo mefuteng e ya ditleleimi di ne di sa tshwenye.
Mo tlhagisong ya maparego, karogano e kgolo e tswa mo tekanyetso-kabong ya ditleleimi tsa bomankge ba ba kwa ntle ga bookelo, ditlhabi le go ithekela melemo fa khaonthareng, HIV/AIDS le bomankge ba tsa meno. Ditleleimi di ne e le tsona di tlisitseng karogano go tswa mo tekanyetso-kabong e e itemogetsweng mo ditleleiming tsa ka fa ntle ga bookelo ka 2009.
Mo tsamaong ya ngwaga Sekema se ikemisitse kgoeletso go tlhatlhosa tiriso ya tlhokomelo e e thibelwang ke maloko mo boitlhophelong jwa Beryl le Sapphire. Thuto e e goeleditsweng e tlisitse go tlhaloganya go go tokafetseng ga dipoelo le tiriso ya boitlhophelo.
Se se akaretsa Boitlhopelo jwa Sapphire jaaka tiriso ya DSP e ne e le kwa godimo ga 97% mo tsamaong ya 2009.
Tsamaiso ya kotsi ya Pholo
Porofaele ya kotsi dipalopalo-batho mo go Emerald le Ruby di setse go nna di itsetsepetse le fa mo go Onyx di ile kwa tlase, se se tlhageletse mo tirisong ya bookelo le ditshenyegelo. Mo legatong la Sekema, tiriso ya bookelo ka kakaretso ga e a tlhatlhoga thata, mme koketso ya ditshenyegelo tsa bookelo di lebega di tsamaelana le diphetogo mo case mix, e e tsamaelanang le dipalo tse di tlhatlhogileng go bonala le bokgopo jwa dikamogelo tse di rileng.
Ka lebaka le, go nnile le kamogelo e e oketsegileng kwa maokelong ya pneumonia, mental health, knee replacement and arthroscopy, mme bontsi jwa mefuta ya ditshenyegelo tse di kwa godimo jaaka kamogelo ya cardiac and orthopaedic e fokotsegile. Fa bobalatlotlo jwa letlhakore le le kwa godimo la ditshenyegelo tsa bookelo bo santse bo le kwa godimo, Kamogelo ya Pelegi le malwetse a sesadi e fokoditse gape seelo mme se se akaretsa mmogo lefapha la pelegi ka karo le tiragatso ya laparoscopic. Le fa porofaele ya malwetse a nako e telele e oketsega, ditshenyegelo tse di kgolo tsa kalafi di tswa mo tetleng e e molemo go kalafi ya ka gale le ya fa khaonthareng. Tsepamo ka 2010 e tla be e le mo botsamaising jwa go feta tiriso ya kalafi ya fa khaonthareng, malwetse a nako e telele, maloko a a leng kotsi le tlhoseletso ditshenyegelong tsa bookelo e seng fela tsa malwetse a mokgwatshelo mme le boitekanelo jwa tlhaloganyo le HIV/AIDS.
Ditshenyegelotsatlhatlhogoyabophelokabophelomokamogelongya16.6%diamanngwa letlhatlhosoyaseelosesetlwaelegileng le phetogo mo boleeleng jwa go nna bo tlhagisiwa mo thadisong e e fa tlase.
Tlhatlhoso ya ditlhwatlhwa tsa SEP le NHRPL e e itsisitsweng mo tsamaong ya ngwaga e ne e le kwa godimo go na le e e dirisitsweng go tswa mo tekanyetso-kabong le go baya ditlhwatlhwa ga 2009 go go fokoditseng kamano-tshwantshanyo ya rasefe ka 0,89%;
Go feta foo , pharologano e e solofetsweng ya boitlhophelo jwa leloko ka, dipalopalo-batho le ikaego;
Ditshenyegelo tsa go sa tlhokomelwe ga pholo di le kwa godimo go feta ka mo go neng go lebeletswe;
Ditshenyegelo tsa ditleleimi e leng 7% kwa godimo ga mo go neng go lebeletswe; le
Go tsofala ga dipalopalo-batho ba leloko go bonala thata.
Sekema le fa go le jalo, se tswelela go gola le dilekanyi tse di lekaneng di mo tirisong go netefatsa gore dirasefe tse di tlhokegang di a fitlhelelwamodingwagengtseditlanglegore25%efitlheletsweka2011.Kgoloeelengmomatlolengaakgobokanenggodimilionedile R986gotswagodimilionedileR723eekaelwangtlhoko.
Diakhaonto tsa Rasefe
Motsamao mo dirasefeng o tlhagisitswe mo kanegong ya tsa Matlole ka ga Diphetogo mo Matloleng le Rasefe. Ga go a nna le metsamao e e sa tlwaelegang e Bolaodi-jwa-matlole bo dumelang gore e tlisiwe mo tsibogelong ya maloko a Sekema.
Ditlhopha tsa bathapi ba ba duelang morago
Mo maparegong a Molao 13.2 wa Melao ya Sekema ya GEMS le Karolo 26 ya Molao wa Dikema tsa Pholo, dikatso tsa maloko di solofetswekgwedilekgwedikwamoragommeditshwanetsegoduelwaesengmoragogaletsatsilaborarolakgwedinngwelenngwe. Ka nako ya tshekatsheko-sešwa, ditlhopha dingwe tsa bathapi ba dueletse dikatso mo boemong jwa maloko a bona morago ga letsatsi la boraro la kgwedi. Botsamaisi jwa Sekema bo ikopantse le ditlhopa tsa bathapi ba ba tshwenyegileng ka go batlisisa mabaka a tuelo ya dikatsoeedirilwengmoragoganakolegotlhagisatlhoseletsoyakgato-tiragaloeemomalokongaSekema.Moruni-Kakaretsokatolamo oitsisitsekagaditlhopatsabathapibabaduelangmoragoganako.
Ditleleimi tse di Saletseng
DITIRELO TSA MOGAKOLODI-WA-TSA-INŠORENSE
Health Monitoring Company e thapilwe jaaka bagakolodi ba ba Sekema ba tsa inšorense kwa tshimologong ya 2010 mme ya tlamela Sekema ka tlamelo ya IBNR fa e sale ka 31 Sedimonthole 2009.
DIPEELETSO MO BATHAPING BA BA TSAYANG KAROLO YA MALOKO MO SEKEMENG SA PHOLO
Sekema ga se a tshola dipeeletso mo Bathaping ba ba tsayang karolo ba Sekema.
KOMITI YA BORUNI
Komiti ya Boruni o laetswe ke Boto ya Bolaodi-jwa-matlole ka lekwalo ka ga ditaelo tsa tiro (Audit Committee Charter) jaaka go botokololo, taolo ya tiro. Komiti e na le maloko a le maratato, ba bobedi jwa bona e leng maloko a Boto ya Bolaodi-jwa-matlole. Bontsi jwa maloko, go akaretsa Modulasetulo, ga se Batlhankedi ba Sekema kgotsa a batlamela tirelo. Leloko le le lengwe le le ikemetseng e ne e le Moemedi wa Matlole kwa tshimologong.
Komiti e kopane makgetlo a le marataro mo tsamaong ya 2009 ka matlha a a latelang:
Mopitlwe 2009
Moranang 2009
Ngwanatsele 2009
Motlhankedi-mogolo, Mokhuduthamaga: Matlotlo a Sekema, Motsamaisi wa Matlotlo , Baruni ba kwa ntle ba Sekema le Baruni ba kwa ntle ba tsenela kopano fa ba laleditswe, Dikopano tsa Komiti le go nna le tetla e e sa lekanyediwang ke Modulasetulo wa Komiti ya Boruni.
Maloko a Komiti ke:
Ngaka T Geldenhuys (Boemedi-jwa-matlole)
Mme S Hari (Leloko la Komiti le le ikemetseng )
Rre C Senoamadi (Leloko la Komiti le le ikemetseng )
Mme G Spelman (Leloko la Komiti le le ikemetseng )
Go ya ka ditlamelo tsa Molao, maikarabelo a motheo wa Komiti ya Boruni ke go thusa Boto ya Bolaodi-jwa-matlole go diragatsa ditiro tse di amanang le dipholisi tsa bobalatlotlo jwa Sekema, mokgwa wa ka fa gare wa taolo, le pegelo ya tsa matlotlo le tsamaiso ya kotsi ka dikgato-tiragalo. Komiti ya Boruni e diragaditse maikarabelo go ya ka maparego a Charter ya Komiti ya Boruni ka 2009. Baruni ba kwa ntle le ba ka fa gare ba begela semmuso kwa Komiting ka ga diphitlhelelo tse di tlhagelelang go tswa mo ditirong tsa boruni.
DIKOMITI TSE DINGWE TSA BOTO YA BOLAODI-JWA-MATLOLE
Dikomiti tse di tlhagisitsweng fa tlase, di laetswe ke Boto ya Bolaodi-jwa-matlole ka lekwalo la ditaelo tsa tiro jaaka go botokololo, taolo le ditiro tsa tsona. Dikomiti di kopane bonnye ka kotara le jaaka go kailwe mo thulaganyong ya ngwaga e letleletse ngwaga mongwe le mongwe. Dikopano tsa Komiti di tsenelwa ke Bolaodi-jwa-matlole, tsamaiso ya Sekema le bomankge ba bangwe, ba e seng maloko a dikomiti tseo, mo bokgoning jwa bogakolodi. Dithadiso tse di mo ditsebeng 49 le 50 di bontsha thologelo ya kopano ya Dikomiti tse di farologaneng.
Komiti ya Tsamaiso
Boalo jwa maikarabelo a Komiti ke go thusa Boto ya Bolaodi-jwa-matlole mo go netefatseng tsamaiso e e rulaganeng sentle ya Sekema ka go tlamela tlhokomelo, tshekatsheko (assessment) le tshekatsheko-sešwa ya makala otlhe a kgwebo le tsamaiso ya Sekema. Go fitlha ga jaana, Komiti e thusa Boto ya Bolaodi-jwa-matlole mo go netefatseng gore tshusumetsano e e tsamayang ka boreledi e nna teng magareng ga batlamedi ba ditirelo le ba ba farologaneng gore ba kgone go fitlhelela maemo a maikaelelo a Sekema. Komiti gape e thusa Boto mo go netefatseng kgolo mo botokololong jwa Sekema le botswerere jwa merero ya maloko ka go tlhokomela tlhaeletsano le ditiro tsa go bapatsa merero ya maloko.
Komiti e kopane ka matlha a:
Tlhakole 2009
Motsheganong 2009
Phatwe 2009
Ngwanatsele 2009
Maloko a Komiti go fitlha ka 31 Sedimonthole 2009 a akareditse:
Mme T Baloyi (Boemedi-jwa-matlole)
Ngaka T Geldenhuys (Modulasetulo le Boemedi-jwa-matlole)
Mme S Moodley (Boemedi-jwa-matlole)
Boalo jwa maikarabelo jwa Komiti ke go sekaseka (assess), go swetsa le go begela ka ga tetlelelo ya dituelo tsa ex gratia go maloko a Sekema. Komiti e laetswe go letlelela dituelo tsa ex gratia fa fela maemo le tlhokomelo ya kalafi e tshosetsa bophelo; kalafi e tla tlisa seemo se se tokafetseng sa botshelo jwa modirakopo; kalafi e maleba ka sekalafi mme e ikaegile ka kaedi ya kalafi le porotokolo e e nang le bopaki jo bo amogelesegileng boditšabatšhaba, kgotsa modirakopo o bontshitshitse bopaki jwa go sa kgone go duelela kalafi ka mogwa mongwe.
Komiti e kopane ka matlha a:
Tlhakole 2009
Mopitlwe 2009
Moranang 2009
Motsheganong 2009
Phatwe 2009
-16 Lwetse 2009
-15 Diphalane 2009
-17 Ngwanatsele 2009
Sedimonthole 2009
Maloko a Komiti go fitlha ka 31 Sedimonthole 2009 a akareditse:
Rre M Brand (Boemedi-jwa-matlole)
Ngaka A Ferreira (Boemedi-jwa-matlole)
Ngaka P Mokwatlo (Leloko la Komiti le le ikemetseng )
Mme S Moodley (Boemedi-jwa-matlole)
Tsamaiso , Kotsi le Komiti ya Moamegi
Komiti e laetswe ke Boto ya Bolaodi-jwa-matlole go netefatsa Tsamaiso e e lolameng ka go tlamela tlhokomelo, tshekatsheko (assessment) le tshekatsheko-sešwa ya botogamaano jotlhe, Tsamaiso , le dintlha tsa kobamelo tsa kgwebo ya Sekema. Maikarabelo a Komiti a akaretsa go netefatsa kobamelo le Molao wa Dikema tsa Pholo le Melawana ya tsona; e e sireleditsweng le leina-tshupo la peomolao ya letshwao-kemedi; le letlhomeso la dipeomolao tse dingwe fela tse di maleba go kgwebo ya Sekema. Komiti e laetswe gape go netefatsa tsamaiso ya kotsi e e manontlhotlho le tsamaiso ya moamegi.
Komiti e kopane ka matlha a:
Tlhakole 2009
Motsheganong 2009
Ngwanatsele 2009
Maloko a Komiti go fitlha ka 31 Sedimonthole 2009 a akareditse:
Mme K Kgang (Boemedi-jwa-matlole)
Rre A Schoeman (Boemedi-jwa-matlole)
Komiti ya Kganetsano
Boalo jwa maikarabelo a Komiti ke go tsaya tsia le go tetelela pele mo kganetsanong nngwe le nngwe e e fetisediwang ke Motlhankedi-mogolo go Komiti ya Kganetsano ya Boatlhodi mme e gakolole Boto ya Bolaodi-jwa-matlole mo go tsamaiseng dikganetsano ka kakaretso.
Komiti ya Kganetsano e kopane ka:
Tlhakole 2009
Ga go dikganetsano tse di amogetsweng ke Komiti ka 2009.
Maloko a Komiti go fitlha ka 31 Sedimonthole 2009 a akareditse:
Rre F Dingiswayo (Leloko la Komiti le le Ikemetseng)
MERERO YA TSA GO SA OBAMELE
Merero e e latelang ya go sa obamele molao e tlhagisitswe ka nako ya ngwaga wa ditšhelete:
Boitlhophelo jwa Onyx jwa Sekema ga bo a diragatsa ditlhokego tsa go ikgona tsa Karolo 33 ya Molao mme Khansele ya Dikema tsa Pholo e itsisitse mo tsamaong ya ngwaga ka ga tiro ya matlotlo ya Sekema le tsa tlhopho e di totobaditsweng. Mokwadisi o letleletse leano la kgwebo la boitlhophelo go ikgona mo paka-magareng. Mokwadisi gape o kwadisediitse boitlhophelo jo mo ngwageng wa 2010.
Kamano-tshwantshanyo ya go nna le matlole a a lekaneng ga Sekema ga e a fitlhelela maparego a Molawana 29 . Sekema se itemogetse kgolo e e kgotsofatsang ya kgolo ya maloko ka nako ya tshekatsheko-sešwa mme se se tlhapotse kamano-tshwantshanyo ya go nna le matlole a a lekaneng ga Sekema. Go nna le matlole a a lekaneng mo legatong la 11.08% ka 31 Sedimonthole 2009 tlhaelo ya legato ya 11.93% e letleletswe ke Mokwadisi ka 2007 go latela tetla ya leano la kgwebo le le rometsweng ke Sekema go Khansele ya Dikema tsa Pholo. Sekema se ntshitse pegelo ka bonako ka magato a a saletseng (reserve) mo magatong mme ya tlhola pharologano go Khansele ya Dikema tsa Pholo mo maparegong a Karolo 29 ya molao wa Dikema tsa Pholo.
MOPUTSO WA BOEMEDI-JWA-MATLOLE LE DITIRAGALO TSE DI AMANANG LE MOKGATLHO
Moputso wa Boemedi-jwa-matlole o o tlhalosang dituelo tsa go tsenela pitso, tsa go tsaya leeto le marobalo, le katiso di tlhagisiwa go ya ka kitsiso note 14 ya Kanego ya tsa Matlole. Moputso o kaya ditlhwatlhwa tse di duetsweng Bolaodi-jwa-matlole go tsenela dikopano tsa Boto ya Bolaodi-jwa-matlole le Dikomiti tsa Boto. Bolaodi-jwa-matlole bo ka busediwa tšhelete ya ditshenyegelo tse ba di dueletseng ka mokgwa wa tuelo ya boroko le maeto mo tirong e e ba pateletsang jaaka Bolaodi-jwa-matlole jwa Sekema. Sekema se dirile patlisiso e e ikemetseng ya moputso go netefatsa gore moputso o o duelwang o maleka le maikarabelo a a dirilweng ke pateletso ya fiduciary ya Bolaodi-jwa-matlole le boitseanape jwa Bolaodi-jwa-matlole le Maloko a Komiti a a ikemetseng.
Ditiragatso tse di amanang le tsa mokgatlho ke dikatso tsa pele ga ditloso le ditleleimi di duetswe ke Boto ya Bolaodi-jwa-matlole, Motlhankedi-mogolo le setlhopha sa Bakhuduthamaga se se tlhagisitsweng ka botlalo mo kitsisong ya 22 ya Kanego ya tsa Matlole.
GO TSENELA KOPANO YA BOLAODI-JWA-MATLOLE
Šejule e e latelang e tlhagisa go tsenela kopano ga Boto ya Bolaodi-jwa-matlole ya ngwaga wa tshekatsheko-sešwa:
Dikopano tsa Boto Dikopano tsa komiti ya boruni Dikopano tsa Komiti ya tsamaiso (Operations) Dikopano tsa Komiti ya Ex gratia Dikopano tsa Komiti ya Tsamaiso, kotsi le moamegi
Boemedi-jwa-matlole A B A B A B A B A B
Mme K Kgang 7 7 4 4
Ba ba tsenetseng kopano e se ba Boto ya Boemedi-jwa-matlole ba le teng kwa dikopanong tsa Boto ya Boemedi-jwa-matlole
A -Palogotlhe e e kgonegang ya dikopano tse di ka bong di ne di tshwerwe B -Palo ya dikopano tse di tshwerweng
GO TSENA KOPANO GA KOMITI
Šejule e e latelang e tlhagisa go tsenela kopano ga Maloko a Komiti e e ikemetseng le Motlhankedi Mogolo.
Dikopano tsa Komiti ya Boruni Dikopano tsa Komiti ya tsamaiso (Operations) Dikopano tsa Komiti ya Ex gratia Dikopano tsa Komiti ya Tsamaiso, kotsi le moamegi Dikopano tsa Komiti ya Kganetsano
Maloko a Komiti-Potlana A B A B A B A B A B
A A -Palogotlhe e e kgonegang ya dikopano tse di ka bong di ne di tshwerwe B -Palo ya dikopano tse di tshwerweng
The Bolaodi-jwa-matlole bo tsaya tsiya gore ka go baakanya Kanego ya tsa Matlole ya Ngwaga-le-Ngwaga ba dirisitse dipholisi tse di maleba tota tsa bobalatlotlo, tse di dirisiwang gantsi le go tshegediwa ke dikatlholo ka kelotlhoko di le tse di tlhaloganyesegang le diphopholetso.
Bolaodi-jwa-matlole bo kgotsofaletse tshedimosetso e e leng mo Kanegong ya tsa Matlole ya Ngwaga-le-Ngwaga ka go sa gobelele e tlhagisa ditlamorago tsa tsamaiso ya ngwaga le seemo sa matlole a Sekema kwa bokhutlhong jwa ngwaga. Bolaodi-jwa-matlole gape bo baakantse tshedimosetso e e tsentsweng mo pegelong ya Ngwaga-le-Ngwaga mme ke maikarabelo a bona go tlhagisa tshedimosetso tsepameng ka tlhomamo mo teng ga Kanego ya tsa Matlole.
Bolaodi-jwa-matlole bo rwele maikarabelo a go netefatsa gore direkoto tsa bobalatlotlo di tshotswe. Direkoto tsa bobalatlotlo di tlhagisa tsepamo e e tlhaloganyesegang ya seemo sa matlole a Sekema se se kgontshang Bolaodi-jwa-matlole go netefatsa gore Kanego ya tsa Matlole ya Ngwaga-le-Ngwaga e obamela peomolao e e maleba.
Government Employees Medical Scheme e dirile mo tikologong e e tiileng ya taolo, e e kwadilweng sentle le go sekasekwa sešwa ka tlhomamo. Se se akaretsa tsamaiso ya kotsi le ditsamaiso tsa taolo ya ka fa gare e e tlhamilweng go tlamela, netefaletso e e tlhaloganyesegang, mme e se ya bofelo ya gore dithoto di bolokegile le kotsi e e lebileng kgwebo e ka fa tlase ga taolo.
Matshwenyego a a leng teng a amogetswe ka go baakanya Kanego ya tsa Matlole ya Ngwaga-le-Ngwaga. Bolaodi-jwa-matlole ga bo na lebaka la go dumela gore Sekema ga se matshwenyego a a leng teng mo bogautshwaneng, go lebeletswe ponelopele le go nna teng ga didiriswa tsa tšhelete e e seatleng. Dikanego tsa Matlole tse tsa Ngwaga-le-Ngwaga di tshegetsa go nna teng ga Sekema.
Baruni ba Sekema ba kwa ntle, SizweNtsaluba VSP ba rwele maikarabelo a go runa Kanego ya tsa Matlole mo maparegong a seemo sa boditšhabatšhaba mo Boruning mme pegelo ya bona e tlhagelela mo letlhareng la 56.
Dikanego tsa Matlole di letleletswe ke Boto ya Bolaodi-jwa-matlole ka 29 Moranang 2010 mme tsa saeniwa mo boemong jwa yona:
Modulasetulo Motlatsa-modulasetulo Motlhankedi-mogolo
Moranang 2010
Tsamaiso e e lolameng ya Boto ya Bolaodi-jwa-matlole 7
Government Employees Medical Scheme e na le boineelo mo dintlhatheong le go sa gobelele ga dikgato-tiragalo, go senola, seriti le maikarabelo mo tirisanong le baamegi. Balaodi ba Matlole ba le barataro ba ba neng ba le mo kantorong ka 2007 ba thapilwe ke Tona ya Tirelo ya Setšhaba le Tsamaiso mme Balaodi ba Matlole ba le barataro ba ne ba tlhophiwa gape.
BOTO YA BOLAODI-JWA-MATLOLE
Bolaodi-jwa-matlole bo a kopana ka gale le go baya leitlho tiro ya Batsamaisi. Ba rarabolola motseletsele wa merero e e tshwenyang thata le go netefatsa gore dipuisano tsa didiriswa tsa pholisi, togamaano le tiro di sisibetse, di itsisitswe di rulagane.
Bolaodi-jwa-matlole jotlhe bo na le tetla ya kgakololo le ditirelo tsa Motlhankedi-mogolo, mme fa go tlhokega, di ka tlhoka kgakololo e e ikemetseng ya semankge ka seemo sa Sekema.
DITAOLO TSA KA FA GARE
Motsamaisi wa Sekema o tlhokomela ditsamaiso tsa ka fa gare le mokgwa o o tlhamilweng go tlamela netefaletso e e tlhaloganyesegang jaaka seriti le botshepegi jwa Kanego ya tsa Matlole go sireletsa, go tlhomamisa le go tlhokomela maikarabelo a dithoto tsa sona. Ditaolo tse di jaana di ikaegile ka tlhagiso le ditsamaiso mme di tsentswe tirisong ke modiri yo o katisitsweng tlhaolo ya ditiro go ya ka bomaleba.
Ga go tiragalo kgotsa tiro e e tlileng mo tsibogelong ya Boto ya Bolaodi-jwa-matlole e e tlhagisang kgaoganyo ya didiriswa dingwe mo tirong ya taolo ya ka fa gare le mekgwa ka ngwaga wa tshekatsheko-seswa.
Moranang 2010
